BAATLHODI 11

1 Mme Ifetha wa kwa Gileate e ne e le mogale, fela e ne e le morwa mosadi wa seaka, a tsetswe ke Gileate.

2 Jaanong ya re mosadi wa ga Gileate a sena go mo tsholela bomorwa, mme bomorwa mosadi yoo ba sena go gola, ba leleka Ifetha, ba mo raya ba re: “Ga o a tshwanela go rua boswa mo kgotleng ya ga rraetsho, gonne o morwa mosadi o sele.”

3 Ke fa Ifetha a tshaba, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna mo lefatsheng la Tobe. Mme banna ba ba motlhofo ba mo kgobokanela, ba bolola nae.

4 Ga tla malatsi a ntwa ya Baamone le Baiseraele.

5 Mme ya re Baamone ba tlhabana le Baiseraele, bagolo ba Gileate ba ya go tsaya Ifetha kwa lefatsheng la Tobe,

6 ba raya Ifetha ba re: “Tlaya o nne moeteledipele wa rona gore re ye go tlhabana le Baamone.”

7 Mme Ifetha a fetola bagolo ba Gileate a re: “A ga se lona ba lo ntlhoileng, lwa nteleka mo kgotleng ya ga rre? A jaanong lo tla kwano go nna, fa lo le mo tlalelong?”

8 Bagolo ba Gileate ba raya Ifetha ba re: “Ke ka moo re boetseng kwa go wena jaanong. Mme fa o ya le rona, o tlhabana le Baamone, o tla nna tlhogo ya rona ya baagi botlhe ba Gileate.”

9 Mme Ifetha a fetola bagolo ba Gileate a re: “Fa lo mpusetsa kwa gae go ya go tlhabana le Baamone,Morenaa ba a nnaya go ba fenya, gona ke tla nna tlhogo ya lona.”

10 Ke fa bagolo ba Gileate ba araba Ifetha ba re: “Morenake moutlwi fa gare ga rona. Ruri, re tla dira ka fa lefokong la gago.”

11 Jaanong Ifetha a ya le bagolo ba Gileate, mme morafe wa mo dira tlhogo le molaodi wa ona. Ifetha a ba a bolela mafoko aotlhe a gagwe fa pele gaMorenakwa Mitsepha.

12 Jaanong Ifetha a roma barongwi kwa kgosing ya Baamone a re: “O batlang mo go nna fa o tlile go ntlhabantshetsa lefatshe la me?”

13 Kgosi ya Baamone ya fetola barongwi ba ga Ifetha ya re: “Kana e rile Baiseraele ba tlhaga kwa Egepeto, ba tsaya naga ya me go tloga nokeng ya Arenone go ya go fitlha kwa go ya Jaboke le ya Joretane. Jaanong e nthebolele, foo ke tla tsamaya ka kagiso.”

14 Ifetha a boa a roma barongwi gape kwa kgosing ya Baamone

15 gore ba ye go e raya ba re: “Ifetha o bua jaana a re: Ga go a nna jalo, Baiseraele ga ba a tsaya lefatshe la Moabe le e seng la Baamone.

16 Gonne e rile Baiseraele ba bolola kwa Egepeto, ba sepela mo sekakeng go fitlha kwa Lewatleng la Motlhaka, ba be ba fitlha kwa Kateše.

17 Ke fa Baiseraele ba roma barongwi kwa kgosing ya Etomo ba re: ‘Re letlelele go ralala lefatshe la gago.’ Mme kgosi ya Etomo ya se ka ya dumela. Le gona ba roma kwa kgosing ya Moabe, le yona ya gana. Ke ka moo Baiseraele ba diegileng kwa Kateše.

18 Gape ba sepela mo sekakeng, ba potologa lefatshe la Etomo le lefatshe la Moabe, ba tla kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya lefatshe la Moabe, ba thibelela ka kwano ga Arenone, ba se ka ba tsena mo nageng ya Moabe, ka noka ya Arenone e le molelwane wa Moabe.

19 Jaanong Baiseraele ba roma barongwi kwa go Sihone kgosi ya Baamori, kgosi ya Hešebone; Baiseraele ba mo raya ba re: ‘A ko o re letlelele go ralala lefatshe la gago go fitlha kwa re yang teng.’

20 Sihone a se ka a dumelela Baiseraele go ralala naga ya gagwe, mme Sihone a phutha morafe otlhe wa gagwe, a thibelela kwa Jahase, a tlhabana le Baiseraele.

21 Ke faMorena, Modimo wa Iseraele, a neela Sihone le morafe otlhe wa gagwe mo diatleng tsa Baiseraele, mme ba ba fenya; Baiseraele ba thopa jalo lefatshe lotlhe la Baamori, ba ba neng ba agile mo lefatsheng leo.

22 Ba thopa naga yotlhe ya Baamori go tloga kwa nokeng ya Arenone go fitlha kwa go ya Jaboke le go tloga kwa sekakeng go fitlha kwa Joretane.

23 Jaanong he!Morena, Modimo wa Iseraele, o lelekile Baamori fa pele ga Iseraele morafe wa gagwe, mme a wena o a re o ka tsaya naga e?

24 A ga ke re, wena o tshwanetse go tsaya naga e o e filweng ke Kamose, modimo wa gago? Le rona re tsaya naga jalo ya mongwe le mongwe yo o lelekilweng keMorena, Modimo wa rona.

25 Mme jaanong a wena o siame go gaisa Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe? A ene o kile a sekisanya le Baiseraele gongwe a tlhabana nabo,

26 jale fa Baiseraele ba ntse ba agile mo Hešebone le mo metsaneng ya teng le mo Aroere le mo metsaneng ya teng le mo metseng yotlhe e e mo ntlheng tse pedi tsa Arenone dinyaga di le 300. Ke ka ntlha ya eng fa lo se ka lwa e re amoga ka sebaka seo?

27 Nna ga ke a go leofela, mme wena o ntirela bosula ka go tlhabana le nna. AMorenayo e leng moatlhodi a atlhole kajeno fa gare ga Baiseraele le Baamone.”

28 Mme kgosi ya Baamone ya se ka ya dumelana le mafoko a ga Ifetha a o neng a a romela kwa go yona.

29 Ke fa Mowa waMorenao tsena mo go Ifetha, mme a ralala naga ya Gileate le ya Manase, a fetela kwa Mitsepha yo o mo Gileate. Go tswa teng a fetela kwa go Baamone.

30 Mme Ifetha a ikanelaMorenamaikano a re: “Fa o ka neela Baamone tota mo diatleng tsa me,

31 foo ene yo o tla tswang ka mojako wa ntlo ya me go nkgatlhantsha mogang ke boang kwa go Baamone ka kagiso, e tla nna waMorena; ke tla mo dira setlhabelo sa phiso.”

32 Ifetha a fetela jalo kwa go Baamone go tlhabana nabo, mmeMorenaa ba neela mo diatleng tsa gagwe.

33 A ba fenya go tloga kwa Aroere go ya go fitlha kwa Minithe, a thopa metse e le 20, le go fitlha kwa Abele-Keramime, ya nna phenyo e kgolo thata. Baamone ba kokobediwa jalo fa pele ga Baiseraele.

Morwadia Ifetha

34 Mme ya re Ifetha a goroga kwa Mitsepha mo lapeng la gagwe, a rakana le morwadie a tswa mo ntlong go mo kgatlhantsha ka meropana le dipina; mme e ne e le ngwana o esi, go se na ope yo o tsetsweng nae, mosimane kampo mosetsana.

35 Ya re a mmona, a ikgagola diaparo a re: “Ijoo, morwadiaka! O nkokobetsa jang! O ntigela mo tatlhegong. Kana ke butse molomo, ka ikanelaMorena, mme ga ke kgone go dirolola.”

36 Mme morwadie a mo raya a re: “Rra, fa o butse molomo, wa ikanelaMorena, dira ka nna ka fa go duleng mo molomong wa gago ka teng, kaMorenaa setse a go diretse pusoloso e e tletseng mo babeng ba gago, e bong Baamone.”

37 Gape a raya rraagwe a re: “A ke direlwe selo se: Mphe sebaka sa dikgwedi di le pedi, ke ye kwa dithabeng, ke lelele bokgarebe jwa me, nna le balekane ba me.”

38 Rraagwe a re: “Yaa,” mme a mo naya tsela kgwedi tse pedi. Morwadie a tsamaya, ene le balekane ba gagwe ba basetsana, a lelela bokgarebe jwa gagwe kwa dithabeng.

39 Mme ya re dikgwedi tse pedi di sena go feta, a boela kwa go rraagwe, mme ene a mo direla ka fa maikanong a gagwe a o neng a a ikanne. Mme morwadie a se ka a itse monna. Jaanong ga nna tlwaelo mo Iseraeleng ya gore:

40 Ka ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ya go opelela morwadia Ifetha wa kwa Gileate malatsi a le mane.