BAATLHODI 16

Simesone o ya kwa Gasa

1 Simesone o kile a ya kwa Gasa, a bona mosadi wa seaka teng, a tsena kwa go ene.

2 Ya re ba Gasa ba begelwa go twe: “Simesone o tsile mono,” ba mo dikanyetsa, ba mo lalela bosigo jotlhe kwa kgorong ya motse; ba lala ba didimetse fela ba re: “E tla re mo mosong boo sa, re mmolae.”

3 Mme Simesone a robala fela go fitlha bosigogare; bosigogare a tsoga, a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le disana tsoo pedi tsa tsona, a di somola mmogo le mephakarego, a di sikara magetleng, a di isa kwa setlhoeng sa thaba e e lebaganyeng le Heberone.

Simesone le Delila

4 Morago ga moo a rata mosadi mo molapong wa Soreke; leina la gagwe e ne e le Delila.

5 Dikgosana tsa Bafelesita tsa tla kwa go ene, tsa mo raya tsa re: “Mo tlakise gore o lemoge kwa thata e kgolo ya gagwe e tswang teng le ka fa re ka mo kgonang ka teng gore re tle re mo golege, re mo fenye. Foo mongwe le mongwe wa rona o tla go naya diselefera di le 1 100.”

6 Ke fa Delila a mo raya a re: “A ko o mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng? O ka golegwa ka eng go go fenya?”

7 Simesone a mo raya a re: “Fa ba ka mpofa ka mesifa e supa e mešwa e e iseng e omelele, ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”

8 Dikgosana tsa Bafelesita tsa mo tlisetsa mesifa e supa e mešwa e e iseng e omelele; a mo golega ka yona.

9 Jaanong ya re ba ntse ba mo laletse mo ntlwaneng, a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Ke fa a kgaola mesifa jaaka go kgaolwa megala ya lelodi, fa e utlwa molelo. Mme sephiri sa thata ya gagwe sa se ka sa itsiwe.

10 Ke fa Delila a raya Simesone a re: “Bona, o ntsieditse, o mpoleletse maaka! Jaanong a ko o ntshebele gore o ka golegwa ka eng?”

11 A mo araba a re: “Fa ba ka mpofa ka megala e mešwa e go iseng go dirwe tiro epe ka yona, ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”

12 Delila a tsaya megala a mešwa, a mo golega ka yona. A ba a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Ba ntse ba mo laletse mo ntlwaneng. Mme a di kgaola jaaka ditlhale, a bofologa mabogo.

13 Ke fa Delila a raya Simesone a re: “Go fitlha jaanong o ntsieditse, o mpoleletse maaka. Mpolelele tlhe gore o ka golegwa ka eng?” A mo araba a re: “Fa o ka loga makaodi a supa a tlhogo ya me mmogo le ditlhale tse di logwang, wa a kokotela ka lomapo mo loboteng, foo ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”

14 Jaanong a mo robatsa, a loga makaodi a supa a tlhogo ya gagwe mmogo le ditlhale tse di logwang, a a kokotela ka lomapo; a ba a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Mme a tsoga borokong jwa gagwe, a somola lomapo mmogo le lesela le le logilweng.

15 Ke fa Delila a mo raya a re: “O ka bua jang o a re, o a nthata, etswe pelo ya gago e sa re sepe ka nna. E setse e le gararo o ntse o ntsietsa, o sa mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng.”

16 Mme ya re ka a mo tshwenya ka mafoko a gagwe ka malatsi aotlhe, a mo emeletse, a fela pelo, mo e keteng a ka swa,

17 a mmolelela tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe, a mo raya a re: “Logare ga lo ise lo tle mo tlhogong ya me, gonne ke moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa me. Fa nka beolwa, thata ya me e ka ntlogela; ke ka nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”

18 Ya re Delila a bona, fa a mmoleletse sephiri sa pelo ya gagwe sotlhe, a roma a bitsa dikgosana tsa Bafelesita a re: “Tlayang jaanong, gonne o mpoleletse sephiri sa pelo ya gagwe sotlhe.” Dikgosana tsa Bafelesita tsa tla kwa go ene, di tshotse diselefera.

19 Delila a mo robatsa a mo farile, a ba a bitsa monna yo mongwe, mme a beola makaodi a supa a tlhogo ya gagwe. Ke fa a simolola go koafala, mme thata ya gagwe ya mo tlogela.

20 Ke fa Delila a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Mme ya re a thanya borokong jwa gagwe, a ithaya a re: “Ke tla tswa jaaka gangwe le gape, ke ikgolola,” mme a sa itse, faMorenaa mo tlogetse.

21 Mme Bafelesita ba mo tshwara, ba mo gonya matlho, ba mo isa kwa Gasa, ba mo golega ka dikeetane tse pedi tsa kgotlho, mme tiro ya gagwe ya nna go sila mo ntlong ya kgolegelo.

22 Mme ya re a sena go beolwa, moriri wa tlhogo ya gagwe wa tlhoga gape.

Loso lwa ga Simesone

23 Jaanong tsatsi le lengwe dikgosana tsa Bafelesita tsa kgobokana go tlhabela Dagone, modimo wa bone, ditlhabelo tse dikgolo le go itumela. Ke fa ba opela ba re: “Modimo wa rona o neetse Simesone, mmaba wa rona, mo diatleng tsa rona!”

24 Ya re batho ba mmona, ba boka modimo wa bone ba re: “Modimo wa rona o neetse Simesone, mmaba wa rona, mo diatleng tsa rona; ke ene yo o sentseng lefatshe la rona, a bolaya ba bantsi ba rona!”

25 Mme ya re dipelo tsa bone di itumela, ba re: “Bitsang Simesone, a tle go re tshamekela.” Ba bitsa Simesone, a tswa mo ntlong ya kgolegelo, a tshameka fa pele ga bone, ba mmeile fa gare ga dipinagare tsa ntlo.

26 Mme Simesone a raya mosimane yo o neng a mo tshwere letsogo a re: “Nte ke apaape dipinagare tse di rweleng ntlo gore ke ikaege ka tsona.”

27 Kana ntlo e ne e tletse banna le basadi le dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita di le teng; le mo godimo ga ntlo go le banna le basadi, e ka nna ba le kete tse tharo, ba ntse ba lebile metshameko ya ga Simesone.

28 Mme Simesone a rapelaMorenaa re: “Morena Modimo, a ko o nkgopole, o ntiise ka nako eno fela, Modimo, gore ke ipusolosetse mo Bafelesiteng ka pusoloso e le nngwe ka ntlha ya matlho a mabedi a me.”

29 Ke fa Simesone a tshwara dipinagare tse di rweleng ntlo, a di kgarametsa, nngwe ka le le jang le e nngwe ka la molema.

30 Mme Simesone a re: “A ke swe le Bafelesita!” A ba a inama a ntse a kgarametsa ka thata. Ke fa ntlo e wela dikgosana le batho botlhe ba ba mo go yona. Batho ba o ba bolaileng jalo mo losong lwa gagwe ba ne ba feta ba o ba bolaileng mo bophelong jwa gagwe.

31 Jaanong ga tla bomorwa-rraagwe le ba kgotla ya ga rraagwe botlhe, ba mo tsaya, ba mo tlosa, ba ya go mo fitlha fa gare ga Sorea le Ešethaole mo mabitleng a ga Manoa rraagwe. O ne a siamiseditse Iseraele dinyaga di le 20.