BAATLHODI 19

Molefi le nyatsi ya gagwe

1 E rile ka malatsi ale, fa go ise go nne kgosi mo Iseraeleng, monna wa Molefi a bo a jaka kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime, mme a tsere mosadi wa nyatsi wa kwa Betleheme wa Juta.

2 Mme nyatsi ya gagwe ya mo ngalela, ya mo tlogela, ya ya kwa ga yona kwa Betleheme wa Juta, ya nna teng malatsi a dikgwedi tse nne.

3 Ke fa ene monna yoo wa gagwe a tloga, a mo latela gore a ye go bua nae tsa lorato, a mmuse; a ya, a na le motlhanka wa gagwe le diesele di le pedi. Mosadi yoo a mo isa mo ntlong ya ga rraagwe; ya re rraagwe mosetsana a mmona, a itumela, a mo kgatlhantsha.

4 Mme mogwagwadiagwe, rraagwe mosetsana a mo thibela go tsamaya, mo a bileng a nna nae malatsi a le mararo, ba a ja, ba a nwa, ba lala teng.

5 Ka letsatsi la bone ba phakela mo mosong, mme a tsoga a re o a tsamaya, mme rraagwe mosetsana a raya mogwe wa gagwe a re: “Itiise ka thathana ya bogobe! Morago ga moo lo ka tsamaya.”

6 Ba nna, ba a ja ba nwa mmogo ka bobedi jwa bone, mme rraagwe mosetsana a raya monna yoo a re: “A ko o dumelele go lala gape gore pelo ya gago e itumele.”

7 Mme ya re monna a nanoga a re o a tsamaya, mogwagwadiagwe a mo rapela thata. Ke fa a boa, a lala gape.

8 Ka letsatsi la botlhano a phakela mo mosong a re o a tsamaya, mme rraagwe mosetsana a mo raya a re: “A ko o tiise pelo ya gago, lo iketle go ya tshokologong ya letsatsi.” Mme ba ja ka bobedi jwa bone.

9 Jaanong monna yoo a nanoga a re o a tsamaya a na le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe, mme mogwagwadiagwe rraagwe mosetsana, a mo raya a re: “A ko o bone, letsatsi le ngotlegile, le ya phirimong. A ko o lale, bona, letsatsi le ya go wela. Lala mono gore pelo ya gago e itumele. Lo tla tsoga lo phakela, lo wela tseleng ya lona lo ya kwa gae.”

10 Mme monna a gana go lala gape; a nanoga a tsamaya a fitlha go lebagana le Jebusi, e bong Jerusalema, a na le diesele tse pedi tse di belesitsweng le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe.

11 Ya re ba le kwa Jebusi, letsatsi la bo le le gaufi le go phirima, ke fa motlhanka a raya morena wa gagwe a re: “A ga re ka ke ra fapogela kwa motseng o wa Bajebusi, ra lala mo go ona?”

12 Mme morena wa gagwe a mo raya a re: “Ga re kitla re fapogela kwa motseng wa ba sele ba e seng Baiseraele. Re tla fetela kwa Gibea.”

13 A ba a raya motlhanka wa gagwe a re: “A re fetele kwa motseng o mongwe, re lale kwa Gibea gongwe kwa Rama.”

14 Ba feta ba ya pele, ba phirimelelwa ba le gaufi le Gibea wa Benyamene.

15 Ba fapogela teng gore ba tsene, ba lale mo Gibea; ya re ba sena go tsena, ba nna fa fatshe mo patlelong ya motse, mme go se na ope yo o ba tsholelang mo ntlong gore ba robale.

16 Mme ya re go le mantsiboana, ga tla monna mogolo, a tswa tirong ya gagwe kwa masimong. Monna yoo e ne e le wa kwa dithabeng tsa Eferaime, a phela mo Gibea e le moeng. Banna ba felo foo e ne e le Babenyamene.

17 Ya re monna mogolo a tsholetsa matlho, a bona monna wa moeti mo patlelong ya motse, a botsa a re: “O tswa kae? O ya kae?”

18 A mo araba a re: “Re mo tseleng, re tswa kwa Betleheme wa Juta, re boela kwa ga rona kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime. Ke ne ke ile kwa Betleheme wa Juta; jaanong ke ya kwa Tempelaneng yaMorena, mme ga go na ope yo o ntsholelang mo ntlong.

19 Re tshotse dikokole le dijo tsa diesele tsa rona; le gona re tshotse mefago ya senkgwe le weine ya me le ya lelata la gago le ya motlhanka yo o nang le motlhanka wa gago. Ga go na sepe se se tlhokafalang.”

20 Ke fa monna mogolo a re: “Baya pelo, se tshwenyege! Fela tse o di tlhokang ke tla go babalela ka tsona. O se ka wa lala mo patlelong.”

21 Jaanong a mo isa mo ntlong ya gagwe, a naya diesele dijo; ba tlhapa dinao, ba a ja, ba a nwa.

22 Ya re ba ntse ba itumedisa dipelo tsa bone, ga tla banna ba motse, banna ba dikebeke, ba dikanyetsa ntlo, ba itaya setswalo, ba raya monna mogolo mong wa ntlo, ba re: “Ntsha monna yo o tlileng mo ntlong ya gago gore re tle re mo senye.”

23 Mme monna yoo, mong wa ntlo a tswela kwa go bone, a ba raya a re: “Nnyaya, ba ga etsho! A lo ke lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo! Jaanong ka monna yoo a setse a gorogetse mo ntlong ya me, se direng tiro e e tlhabisang ditlhong e!

24 Bonang, morwadiake wa lekgarebe le nyatsi ya gagwe ke ba, nteng ke ba ntshe. Ba senyeng, lo dire ka bone ka fa lo ratang ka teng, mme monna yoo lo se ka lwa mo direla selo se, se se tlhabisang ditlhong.”

25 Mme banna bao ba gana go mo utlwa. Ke fa monna yole a tshwara nyatsi ya gagwe, a e ntshetsa kwa ntle kwa go bone; mme ba e senya, ba dira ka yona ka fa ba ratang ka teng bosigo jotlhe go ya mosong. E rile mahube a tlhatloga, ba e tlogela.

26 Ya re boo sa, ga tla mosadi yoo, a wela fa fatshe fa mojakong wa ntlo ya monna e morena wa gagwe a neng a le mo go yona, a namalala teng go ya mosong.

27 Jaanong ya re morena wa gagwe a tsoga mo mosong, a bula setswalo sa ntlo, a tswa a re o tsamaela pele, a fitlhela mosadi, e bong nyatsi ya gagwe, a namaletse fa mojakong wa ntlo, diatla tsa gagwe di le fa serepoding.

28 A mo raya a re: “Tsoga, re tsamae!” Mme a se ka a araba, ka a sule. Jaanong a mo tsaya, a mmelesa mo eseleng. Monna yoo a tloga jalo, a ya kwa ga gabo.

29 Ya re a sena go fitlha kwa gae, a tsaya thipa, a tshwara setoto sa nyatsi ya gagwe, a se kgaoganya ka fa ditokololong tsa sona, a dira dikarolo di le 12, a di romela kwa dinageng tsotlhe tsa Iseraele.

30 Mme botlhe ba ba neng ba di bona ba re: “Tse di ntseng jalo ga di ise di ke di dirafale le e seng go bonwa ka gope go tloga letsatsing le Baiseraele ba duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go tla go fitlha letsatsing leno. Di eleng tlhoko ka pelo, gakololang lo bue!”