Baiseraele ba ipaakanyetsa ntwa
1 Ke fa Baiseraele botlhe ba bolola; phuthego ya phuthegela kwa Mitsepha fa pele gaMorenaka seopo se le sengwe go tswa kwa Dane go ya kwa Bereseba le ba lefatshe la Gileate.
2 Ga ikemisa ditlhogo tsotlhe tsa morafe le ditso tsotlhe tsa Iseraele mo pitsong ya morafe wa Modimo e le banna ba le 400 000 ba dinao ba ba somolang tšhaka.
3 Babenyamene ba ne ba utlwa gore Baiseraele ba tlhatlogetse kwa Mitsepha. Jaanong Baiseraele ba re: “Bolelang gore bosula joo bo dirafetse jang?”
4 Ga araba monna yole wa Molefi, monna wa mosadi yo o bolailweng, a bolela a re: “Ke ne ka fitlha fa Gibea maloba yo o mo nageng ya Benyamene, nna le nyatsi ya me, ra lala teng.
5 Ke fa beng ba Gibea ba ntsogela, ba dikanyetsa ntlo bosigo ka ntlha ya me, ba ikaeletse go mpolaya, mme ba senya nyatsi ya me, mo a bileng a swa.
6 Ka ba ka tsaya nyatsi ya me, ka mo kgaoganya dikarolo, ka di romela kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe la Baiseraele; gonne ba dirile tiro e e tlhabisang ditlhong ya boikepo mo Iseraeleng.
7 Jaanong lo teng fano, lona Baiseraele botlhe. Sekang kgang e, lo ntshe kgakololo fano.”
8 Ke fa morafe otlhe o ema ka bongwefela o re: “A go se nne ope wa rona yo o boelang kwa tenteng ya gagwe le e seng ope wa rona yo o fapogelang kwa ntlong ya gagwe.
9 Mme jaanong se re tla se direlang Gibea ke se: A re mmololeng ka fa tengweng!
10 A e re mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele banna ba ba 100 ba ntshe lesome, ba ba 1 000 ba ntshe 100, ba kete tse some ba ntshe 1 000, ba ye go tseela morafe mefago. Mme e re ba sena go boa, re direle Gibea wa Benyamene tse di tshwanetseng tiro yotlhe e e tlhabisang ditlhong e ba e dirileng mo Iseraeleng.”
11 Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela motse oo wa Gibea, ba golagantswe ka maikutlo a le mangwe.
12 Mme ditso tsa Iseraele tsa roma banna kwa lotsong lotlhe lwa ga Benyamene, tsa re: “Ke bosula jo bo ntseng jang jo bo dirafetseng mo go lona?
13 Jaanong he, ntshang banna bao ba dikebeke ba ba mo Gibea gore re ba bolae, re tlose bosula mo Iseraeleng.” Mme Babenyamene ba gana go utlwa se se bolelwang ke Baiseraele bomorwa-rraabo.
14 Mme Babenyamene ba phuthegela kwa Gibea, ba tswa mo metseng ya bone gore ba bolole go tlhabana le Baiseraele.
15 Ya re ka letsatsi leo go balwa Babenyamene ba ba tswang kwa metseng, ya bo e le banna ba le 26 000 ba ba somolang tšhaka; baagi ba Gibea ba balwa ba le bosi, ya nna banna ba le 700 ba ba tlhaotsweng.
16 Mo bathong botlhe bao go ne go tlhaotswe banna ba le 700 ba ba melema; botlhe bao e le ba ba maroka, ba itse go konopa ka seragamajwe, ba se ke ba fosa.
17 Le banna ba Iseraele ba balwa kwa ntle ga Babenyamene, e le banna ba le 400 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le batlhabani.
Baiseraele ba lwa le Babenyamene
18 Jaanong Baiseraele ba tloga ba tlhatlogela kwa Bethele, ba botsa Modimo ba re: “Ke bomang mo go rona ba ba tshwanetseng go etelela pele le go simolola ntwa le Babenyamene?”Morenaa re: “A go simolole Bajuta.”
19 Jaanong Baiseraele ba tsoga mo mosong, ba dikanyetsa Gibea ka ntwa.
20 Banna ba Iseraele ba bolola go tlhabana le Babenyamene; banna ba Iseraele ba ikemisa ka thulaganyo ya ntwa ba lebile Gibea.
21 Mme Babenyamene ba bolola ba tswa mo Gibea, ba bolaya banna ba Iseraele ba le 22 000 ka letsatsi leo, ba ba digela fa fatshe.
22 Mme banna ba morafe wa Iseraele ba itiisa, ba ikemisa gape ka thulaganyo ya ntwa mo felong fa ba neng ba dirile jalo ka letsatsi la ntlha.
23 Mme pele ga foo Baiseraele ba ne ba tlhatlogetse kwa Bethele, ba lela fa pele gaMorenago ya mantsiboeng. Ba botsaMorenaba re: “A re tshwanetse go atamela gape go tlhabana le Babenyamene, bomorwa-rraarona?”Morenaa re: “Ba bololeng!”
24 Mme ya re Baiseraele ba atamela Babenyamene ka letsatsi la bobedi,
25 Babenyamene ba bolola, ba ba kgatlhantsha, ba tswa mo Gibea ka letsatsi la bobedi, ba bolaya banna ba le 18 000 ba Baiseraele gape, ba ba digela fa fatshe. Botlhe bao e le ba ba neng ba tshotse ditšhaka.
26 Ke fa batlhabani botlhe ba Iseraele ba tlhatlogela kwa Bethele, ba nnela go lela teng fa pele gaMorena, ba itima dijo ka letsatsi leo go ya mantsiboeng, ba direlaMorenaditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.
27 Baiseraele ba botsaMorena. (Kana Letlole la Kgolagano ya Modimo le ne le le teng ka malatsi ao.
28 Phinehase morwa Eleasare morwa Arone o ne a tshwere tirelo fa go lone ka sebaka seo.) Ba re: “A re tshwanetse go bolola gape go tlhabana le Babenyamene bomorwa-rraarona kampo re lese?”Morenaa re: “Bololang, gonne kamoso ke tla ba neela mo diatleng tsa lona.”
29 Jaanong Baiseraele ba beela Gibea balaledi mo tikologong.
30 Baiseraele ba bololela Babenyamene ka letsatsi la boraro, ba ikemisa ka thulaganyo ba lebile Gibea jaaka gangwe le gape.
31 Ke fa Babenyamene ba tswa ba kgatlhantsha morafe, ba katosiwa motse, ba gogelwa kwa nageng le kwa ditseleng tse dikgolo tse nngwe ya tsona e yang kwa Bethele, e nngwe kwa Gibea, ba simolola go bolaya bangwe ba morafe jaaka gangwe le gape, e ka nna banna ba le 30 ba Iseraele.
32 Babenyamene ba ithaya ba re: “Re ba fentse jaaka pele.” Mme Baiseraele ba ne ba rile: “A re tshabeng, re ba gogele kwa ditseleng tse dikgolo, re ba tlogedise motse.”
33 Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba tloga fa ba neng ba le teng, ba ya ba ikemisa kwa Baale-Thamare; le balaledi ba Iseraele ba tswa mo felong ga bone, ba tlhagelela mo lebaleng la sekgwa sa Geba;
34 ba fitlha ka fa ntle ga Gibea, e le banna ba le 10 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, mme tlhabano ya nna bokete. Fela Babenyamene ba ne ba sa lemoge, fa tatlhego e ba wela.
35 Morenao ne a itaya Babenyamene jalo ka Baiseraele. Baiseraele ba bolaya banna ba Benyamene ba le 25 100 ka letsatsi leo, botlhe bao e le ba ba somolang tšhaka.
36 Ke fa Babenyamene ba lemoga gore ba fentswe.
Baiseraele ba fenya Babenyamene
Kana Baiseraele ba ne ba sutetse Babenyamene, ka ba ne ba ikanya balaledi ba ba ba beetseng Gibea.
37 Mme balaledi ba ne ba tlhasetse motse ka tshoganyetso; ba bolaya motse otlhe ka bogale jwa tšhaka.
38 Gape banna ba Iseraele ba ne ba utlwanye le balaledi gore ba kuise musi mogolo mo motseng.
39 Jaanong ya re banna ba Iseraele ba retologa mo tlhabanong le Babenyamene ba simolola go bolaya banna bangwe ba Iseraele, e ka nna ba le 30, ka ba ithaya ba re: “Ruri, re ba fentse gape jaaka mo tlhabanong ya ntlha.”
40 Ya baa gona musi o simololang go tlhatloga mo motseng, e le musi o ntse lonaka. Jaanong ya re Babenyamene ba retologela kwa morago, ba bona musi wa motse otlhe o tlhatlogela kwa legodimong.
41 Ke fa banna ba Iseraele ba boa, mme banna ba Benyamene ba tseana; gonne ba ne ba lemoga gore tatlhego e a ba wela.
42 Ba hularela banna ba Iseraele, ba tshabela kwa sekakeng, mme tlhabano ya ba latela. Metse e ba fetang ka yona, ba bolawa ke beng ba yona.
43 Ba dikanyetsa Babenyamene, ba ba khutšhela, ba ba tshwarela fa ba reng ba ikhutsa teng, ba eta ba ba gataka go ya go fitlha kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Gibea.
44 Ga wa banna ba le 18 000 ba Benyamene, botlhe bao e le batlhabani.
45 Jaanong ba retologa, ba tshabela kwa sekakeng kwa lefikeng la Rimone, mme Baiseraele ba bolaya banna ba le 5 000 mo ditseleng tse dikgolo e le maronopo; ba ba latelela go ya kwa Giteome, ba bolaya banna ba le 2 000 ba bone gape.
46 Banna botlhe ba Benyamene ba ba bolailweng ka letsatsi leo ba ne ba le 25 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le bagale.
47 Mme banna ba le 600 ba hulara ba tshabela kwa sekakeng kwa lefikeng la Rimone, ba nna kwa lefikeng la Rimone dikgwedi tse nne.
48 Jaanong banna ba Iseraele ba boela kwa go Babenyamene, ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, e bong batho ba metse le diruiwa le sengwe le sengwe se ba se fitlhelang. Le gona ba fisa metse yotlhe ka molelo.