BAATLHODI 21

Babenyamene ba fiwa basadi

1 Banna ba Iseraele ba ne ba ikanne kwa Mitsepha ba re: “Go se ka ga nna ope mo go rona yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.”

2 Jaanong ya re batho ba sena go fitlha kwa Bethele, ba nna teng go fitlha mantsiboa fa pele ga Modimo, ba tsholetsa mantswe, ba lela selelo se segolo,

3 ba re: “MorenaModimo wa Iseraele, ke ka ntlha ya eng, fa selo se, se dirafetse mo Iseraeleng; fa kajeno go tlhokafala lotso longwe lwa Iseraele?”

4 Mme ya re kamoso batho ba phakela, ba aga aletare teng, ba dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.

5 Jaanong Baiseraele ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o se kang a tla mo pitsong kwaMoreneng?” Gonne go ne go dirilwe maikano a magolo a gore, yo o sa tleng kwaMorenengkwa Mitsepha, ruri o tla bolawa.

6 Kana Baiseraele ba ne ba tlhomogela Babenyamene bomorwa-rraabo pelo ba re: “Kajeno go kgaotswe lotso longwe mo Iseraeleng.

7 Jaanong ba ba setseng re ka ba direla jang gore ba bone basadi? Gonne rona re ikanne kaMorenara re: ‘Ga re kitla re ba naya bomorwadia-rona go nna basadi.’ ”

8 Ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsa Iseraele yo o se kang a tla kwaMorenengkwa Mitsepha?” Ba fitlhela gore ba kwa Jabese kwa Gileate ba ne ba sa tla pitsong mo bothibelelong.

9 Ke fa ba bala morafe ka maina, ba fitlhela go se na ope wa baagi ba Jabese kwa Gileate.

10 Jaanong phuthego ya roma banna ba le 12 000 ba batlhabani teng, ya ba laela ya re: “Yaang lo bolae baagi ba Jabese kwa Gileate ka bogale jwa tšhaka le basadi le bana.

11 Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Banna botlhe le basadi botlhe ba ba kileng ba kopana le monna lo ba bolae. Mme makgarebe a a phepa lo a lese go phela.” Ba dira jalo.

12 Mo baaging ba Jabese kwa Gileate ba fitlhela basetsana ba makgarebe ba le 400 ba ba iseng ba itse monna; ba ba isa kwa bothibelelong kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana.

13 Jaanong phuthego yotlhe ya roma, ya bua le Babenyamene ba ba neng ba le kwa lefikeng la Rimone, ya ba bolelela gore go kagiso.

14 Babenyamene ba ne ba boa jalo ka sebaka seo, ba newa basadi ba ba lesitsweng go phela mo basading ba Jabese kwa Gileate, mme ba se ka ba ba lekana.

15 Mme morafe wa tlhomogela Babenyamene pelo, kaMorenaa ne a ntshitse ntho mo ditsong tsa Iseraele.

16 Bagolo ba phuthego ba botsa gape ba re: “Ba ba setseng re ka ba direla jang gore ba bone basadi? Gonne basadi ba Babenyamene ba fedisitswe.”

17 Gape ba re: “Babenyamene ba ba falotseng ba ka thusega jang gore lotso loo lo se ka lwa nyelediwa mo go Iseraele?

18 Rona re palelwa ke go ba naya basadi ba e leng bomorwadia-rona; gonne re le Baiseraele re ikanne ra re: ‘Go hutsitswe yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.’ ”

19 Jaanong ba re: “Bonang, ka ngwaga le ngwaga go na le moletlo waMorenakwa Silo yo o mo ntlheng ya bokone ya Bethele, mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya tsela e kgolo e e tswang kwa Bethele e ya kwa Šegeme mo ntlheng ya borwa ya Lebona.”

20 Mme ba laela Babenyamene ba re: “Yaang lo lalele mo masimong a meweine.

21 Mme e re fa lo bona bomorwadia Silo ba tswela kwa ntle go bina dipina, lo tswe mo masimong a meweine, mme mongwe le mongwe wa lona a ikgapele mosadi mo go bomorwadia Silo, lo ye ka bone kwa nageng ya Benyamene.

22 Mme e re fa borraabo gongwe bokgaitsadia-bone ba tla go lwa le lona, lo ba fetole lo re: ‘Re itshwareleng! Gonne ga re a bona basadi rotlhe ka ntwa. Kana ga se lona lo ba re neetseng. Gonne foo lo ka bo lo le molato.’ ”

23 Babenyamene ba dira jalo; ba tsaya ka fa palong ya bone, ba ba thopa mo go ba ba neng ba bina; ba tloga ba boela kwa nageng ya bone, ba aga metse, ba nna mo go yona.

24 Le Baiseraele ba itsamaela ka sebaka seo; mongwe le mongwe a ya kwa ga gabo kwa kabelong ya gagwe.

25 Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe.