Sesupo sa thata ya Modimo e e dirileng mo go ba ba neng ba sule ka ditlolo le maleo
1 Le lona o lo tshedisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo
2 a lo kileng lwa bo lo tsamaya mo go ona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, jaaka mong wa loapi a laola, e bong mowa o le jaanong o dirang mo bathong ba ba sa utlweng,
3 ba le rona rotlhe re kileng ra bo re tsamaya nabo mo dikeletsong tsa nama ya rona, re dira tse di ratwang ke nama le maikutlo, mme re le bana ba bogale ka fa tlhagong fela jaaka ba bangwe.
4 Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone,
5 le fa re ne re sule ka ditlolo, o ne wa re phedisa le Keresete – kana lo pholositswe ka boitshwarelo!–
6 wa re tsosa nae, wa re nnisa nae mo legodimong go nna mo go ene Keresete Jesu,
7 gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;
8 gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.
9 Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang.
10 Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.
Modimo o kopantse Bajuta le baheitane go nna phuthego e le nngwe fela ya ga Keresete
11 Ka moo lona ba lo kileng lwa bo lo le baheitane ka fa nameng, ba lo bidiwang ba-sa-rupang ke ba ba bidiwang ba borupi jo bo dirwang ka diatla mo nameng, gakologelwang gore
12 mo metlheng eo lo ne lo se na Keresete, lo le kwa ntle ga morafe wa Modimo wa Iseraele, lo le baeng mo dikgolaganong tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo epe, lo se na Modimo mo lefatsheng.
13 Mme lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala, lo atameditswe jaanong ka madi a ga Keresete mo go Keresete Jesu.
14 Gonne ke ene kagiso ya rona yo o dirileng gore ba babedi ba nne bongwefela, a ba a phoma lobota lo lo fa gare lwa tomologanyo, e bong letlhoo, a le mo nameng,
15 ka go tlosa molao wa ditaolo tse di beilweng gore a bope motho yo mošwa a le mongwe fela mo go ene ka ba babedi bao, ka go dira kagiso;
16 le gore a ruanye boo babedi le Modimo mo mmeleng o le mongwe fela ka sefapaano ka go bolaya letlhoo ka sona.
17 Mme ya re a tla, a lo rerela kagiso ka Efangele, lona ba lo kgakala, a e rerela le ba ba gaufi;
18 gonne rona ka bobedi jwa rona re na le tsela ya go fitlha ka ena kwa go Rraetsho ka Mowa o le mongwe fela.
19 Jaanong he, ga lo tlhole lo le baeng le bajaki, mme lo ba morafe mmogo le baitshepi, lo ba ntlo ya Modimo,
20 ka lo agilwe mo motheong wa baapostolo le baporofeti o Keresete Jesu ka esi e leng lentswe la sekhutlo la ona,
21 yo kago yotlhe e kopanngwang sentle mo go ene, e ntse e gola go nna tempele e e boitshepo mo Moreneng,
22 yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng.