Kaelo ya gore go dirwe ka bongwefela mo phuthegong
1 Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona
2 ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong;
3 lo tlhoafalele go boloka bongwefela jwa Mowa ka kopanyo ya kagiso:
4 Ke mmele o le mongwe fela le Mowa o le mongwe fela, jaaka lo bileditswe mo tsholofelong e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;
5 ke Morena a le mongwe fela le tumelo e le nngwe fela le kolobetso e le nngwe fela;
6 ke Modimo o le mongwe fela, one Rra botlhe; o godimo ga botlhe, o dira ka botlhe, o mo go botlhe.
7 Mme mongwe le mongwe wa rona o neilwe neo ya bopelotlhomogi ka fa selekanyong se Keresete o nayang ka sona.
8 Ke ka moo go tweng:
“O ne a tlhatlogela
kwa bogodimong,
a tshwara batho,
a ba isa botshwarong,
a naya batho dineo.”
9 Mme fa go twe: “O tlhatlogile,” ke go reng? A ga se go re o ne a fologetse pele kwa mafelong a a kwa tlasetlase a lefatshe?
10 Yo o fologileng e bile ke ene yo o tlhatlogetseng kwa godimo ga magodimo otlhe gore a tlale mo dilong tsotlhe.
11 Ke ene yo o tlhomileng bangwe go nna baapostolo, ba bangwe go nna baporofeti, ba bangwe go nna baefangele, ba bangwe go nna badisa le baruti,
12 gore baitshepi ba etleetsegele tiro ya go direla le kago ya go aga mmele wa ga Keresete
13 go fitlhelela re be re fitlhe rotlhe mo bongwengfela jwa tumelo le jwa go itse Morwa Modimo le go nna monna yo o tletseng go fitlha selekanyong sa bogolo jo bo tletseng jwa ga Keresete
14 gore re se tlhole re nna jaaka bana, re kgokgwediwa jaaka makhubu le go dikolosiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho ka fa boferefereng jwa go re logela maano a timetso,
15 mme e re ka go nna boammaaruri mo loratong re golele mo go ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete,
16 yo mmele otlhe o dirafatsang go gola ga ona ka ene, o lomaganngwa le go tshwaraganngwa ka go thusanya ga ditokololo tsotlhe ka fa tirong e e lekanyeng tokololo nngwe le nngwe gore o ikage ka lorato.
Bophelo jo bošwa ga bo utlwane le jwa bogologolo
17 Jaanong ke bua jaana, e bile ke bolela ke le mosupi mo Moreneng ka re: Lo se tlhole lo tshela jaaka baheitane ba tshela mo boithamakong jwa maikutlo a bone;
18 ba ba fifaditsweng tlhaloganyo, ba le kgakala le botshelo jo bo tswang Modimong ka ntlha ya go sa itseng a bone, ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bone,
19 ba e reng ka ba latlhegetswe ke maikutlo a botho, ba ineela mo boitaolong, ba ntse ba dira tse di maswe tsotlhe ka bopelotshetlha.
20 Mme lona, Keresete ga lo a ka lwa mo ithuta jalo,
21 fa ruri lo mo utlwile, mme lo rutegile ka ene, jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu,
22 gore lo apole motho yo mogologolo yo o ntseng ka fa tsamaong ya pele, yo o senyegang ka dikeletso tsa tsietso,
23 le gore lo ntšhwafadiwe mo meweng ya maikutlo a lona;
24 mme lo apare motho yo mošwa yo o tlhodilweng ka fa Modimong mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri.
25 Ka moo apolang maaka, mme a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe-ka-ene; ka gonne re direlana re le ditokololo.
26 Galefang, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se phirime, lo ntse lo galefile.
27 Le gona lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.
28 Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire matsapa ka go dira se se molemo ka mabogo a gagwe gore a nne le go ka fa yo o tlhokang.
29 A go se tswe lefoko lepe le le maswe mo melomong ya lona; a go tswe fela le le agang ka fa go batlegang ka teng gore le tshegofatse ba ba le utlwang.
30 Se hutsafatseng Mowa o o Boitshepo wa Modimo o lo kanetsweng letsatsi la kgololo ka ona.
31 A bogalaka jotlhe le kgakalo le bogale le komano le kgalo di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.
32 Mme tsholanang ka bopelontle, lo utlwelane botlhoko, lo itshwarelane jaaka Modimo le ona o lo itshwaretse ka Keresete.