BAEFESO 5

Phelang jaaka bana ba lesedi; tlogelang ditiro tsa lefifi

1 Ka moo he, nnang baetsi ba Modimo jaaka bana ba ba rategang,

2 lo tsamae mo loratong jaaka Keresete le ene a lo ratile, a ineela ka ntlha ya rona go dirwa tshupelo le setlhabelo go nna monko o o monate mo Modimong.

3 Boaka le maswe otlhe le fa e le bogagaru di se ka tsa dirwa, le e seng go umakwa mo go lona, gonne ga go a tshwanela baitshepi;

4 le boatla le mafoko a bosilo le fa e le metlae ke tse di sa tshwanelang; mme bogolo lebogang.

5 Gonne moo lo go itse sentle gore ga go ope yo e leng seaka gongwe yo o maswe gongwe yo o megagaru yo o ka nnang le boswa mo pusong ya ga Keresete le Modimo, ka e le modiredi wa medimo e sele.

6 Se tsiediweng ke ope ka mafoko a boithamako; gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba sa utlweng ka ntlha ya dilo tseo.

7 Ka moo he, se tlhakaneng nabo!

8 Gonne lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng; tsamayang jaaka bana ba lesedi–

9 gonne leungo la lesedi ke molemo otlhe le tshiamo le boammaaruri–

10 lo tlhotlhomise se se kgatlhang Morena.

11 Lo se ka lwa tlhakanela ditiro tsa lefifi tse di sa ungweng sepe, mme bogolo lo di kgalemele;

12 gonne tse di dirwang ke bone mo sephiring, tota le go di bolela go tlhabisa ditlhong.

13 Mme dilo tsotlhe tse di kgalemelwang ke lesedi di a senoga; gonne sengwe le sengwe se se senolwang se tswela leseding.

14 Ke ka moo go tweng:

“Thanya,

wena yo o robetseng,

o tsoge mo baswing,

mme Keresete

o tla go sedifatsa.”

15 Tlhokomelang thata he ka fa lo tshelang ka teng, e seng jaaka masilo, mme e nne jaaka matlhale;

16 lo dirise nako ka tshwanelo, gonne malatsi a bosula.

17 Ka moo he, se nneng bosilo, mme tlhaloganyang se e leng go rata ga Morena.

18 Se tagweng ke bojalwa, ka botlhaswa bo tswa mo go jona; mme tlalang Mowa;

19 lo buisanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Morena, lo mo dudueletse ka dipelo tsa lona,

20 lo leboge Modimo Rraetsho ka gale ka ntlha ya tsotlhe mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete,

21 lo ikokobeletsanye ka go boifa Keresete.

Go laelwa banna le basadi ba ba nyalanyeng

22 Lona basadi, ikokobeletseng banna ba e leng ba lona, jaaka lo ikokobeletsa Morena;

23 gonne monna ke tlhogo ya mosadi, jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ene yo e leng Mopholosi wa mmele.

24 A basadi ba ikokobeletse banna ba bone mo dilong tsotlhe, jaaka phuthego e ikokobeletsa Keresete.

25 Lona banna, ratang basadi ba lona, jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, a ineela losong ka ntlha ya yona

26 gore a e itshepise, a sena go e itshekisa ka tlhapiso ya metsi ka Lefoko,

27 gore a itlhomele phuthego e e tlotlegang e e se nang sebala, le fa e le matsutsuba, gongwe se sengwe se se ntseng jalo, mme e nne e e boitshepo, e e sa nyatsegeng.

28 Ke ka ntlha ya moo banna ba tshwanetseng go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.

29 Kana ga go ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o otla, o a o babalela, jaaka Keresete le ene a direla phuthego;

30 gonne re ditokololo tsa mmele wa gagwe, re ba nama ya gagwe, ba marapo a gagwe.

31 “Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.”

32 Bosaitsiweng joo ke jo bogolo, mme kana ke raya Keresete le phuthego.

33 Mme jaanong le lona, a mongwe le mongwe a rate mosadi wa gagwe jaaka a ithata; mosadi ene a tlotle monna wa gagwe.