Tumediso
1 Nna Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela botlhe ba e leng baitshepi ka Keresete Jesu ba kwa Filipi mmogo le balebeledi le badiredi:
2 A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
Tebogo ya moapostolo le thapelo ya gagwe
3 Ke leboga Modimo wa me ka nako le nako, fa ke lo gopola;
4 thapelo nngwe le nngwe e ke lo rapelelang lotlhe ka yona ka gale ke e dira ka boitumelo
5 ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.
6 Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,
7 jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.
8 Modimo ke mosupi wa me gore ke lo tlhologeletswe lotlhe ka mautlwelo-botlhoko a ga Keresete Jesu.
9 Mme ke rapela gore lorato lwa lona lo nne lo golele pele mo kitsong le mo temogong nngwe le nngwe,
10 le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,
11 lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo.
Moapostolo o tlhalosa maemo a gagwe le botswelelopele jwa Efangele
12 Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,
13 mo go bileng ga senoga mo bafemeding botlhe ba Kaisara le mo go ba bangwe botlhe gore ke golegilwe ka ntlha ya ga Keresete
14 mme bontsi jwa bakaulengwe ba tlala boikanyo mo Moreneng ka kgolego ya ka, ba be ba beta pelo bogolo go pele go bolela Lefoko la Modimo, ba sa boife sepe.
15 Le gale, bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgang, ba bangwe bona ka pelo e ntle.
16 Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;
17 mme bale bone ba rera Keresete ka go tsosa kgang, e seng ka bopeloephepa, ka ba ikaeletse go okeletsa kgolego ya me tlhokofatso.
18 Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela;
19 gonne ke itse gore tseo di tla mphetogela pholoso ka thapelo ya lona le ka thuso ya Mowa wa ga Jesu Keresete;
20 ka fa tebelelong e e bogale ya me ke a solofela gore, ga ke ne ke tlhajwa ke ditlhong, mme le jaanong Keresete o tla godisiwa ka mmele wa me jaaka ka gale, ke le pelo e e phuthologileng, le fa e ka nna ka botshelo gongwe ka loso.
21 Gonne mo go nna go phela ke Keresete, go swa ke letlotlo.
22 Mme e re ka go phela mo nameng e le sona se se ungwisang tiro ya me, ruri ga ke itse se nka se itlhophelang.
23 Ke akabadiwa ke dilo tse pedi tse: Ke na le keletso ya go huduga le go nna le Keresete; kana moo go gaisa tsotlhe;
24 mme go sala mo nameng go batlega bogolo ka ntlha ya lona.
25 Mme ka go ikanya jalo ke a itse gore ke tla sala, ke nna le lona lotlhe go lo tsweletsa pele le go lo thabisa tumelong
26 gore go ipoka ga lona ka nna go nne gogolo bogolo mo go Keresete Jesu mogang ke nang le lona gape.
Kaelo ya go tshela ka fa Efangeleng le go tlhabanela Efangele ka bongwefela jwa pelo
27 Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo,
28 lo sa tshosiwe ke baganetsi mo go sepe ba kganetso ya bone e leng sesupo sa go latlhega ga bone, mme mo go lona e le sa go phologa, mme e le ka Modimo.
29 Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,
30 ka lo le mo go yona tlhabano e lo e bonyeng mo go nna, e le jaanong lo e utlwang ka ga me.