Moapostolo o kaela Bafilipi gore ba nne ka mowa o le mongwe fela, Keresete e le sekao sa bone
1 Jaanong fa go na le kgothatso ka Keresete, fa go na le kgomotso ya lorato, fa go na le kopano ya Mowa, fa go na le lorato lwa pelo le kutlwelo-botlhoko,
2 tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela.
3 Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.
4 A mongwe le mongwe a se lebe tsa gagwe fela, mme a a lebe le tsa ba bangwe.
5 Boitlhômô jo bo tshwanetseng go nna mo go lona ke jo bo neng bo le mo go Keresete Jesu le ene,
6 yo e rileng a le mo tshwanong
ya Modimo,
a se ka a kaya go tshwana
le Modimo jaaka thopo,
7 mme a ikamoga ka go tshola
tshwano ya motlhanka,
a nna jaaka batho,
a fitlhelwa a tshwana le motho
ka maitsholo,
8 a ikokobetsa ka go nna
yo o utlwang go ya losong,
e bong loso lwa sefapaano.
9 Ke ka moo Modimo
o mo godisitseng mo go fetang,
wa mo naya leina le le fetang
leina lengwe le lengwe
10 gore mangole otlhe
a khubamele leina la ga Jesu
a dilo tse di kwa legodimong
le a tse di mo lefatsheng
le a tse di kwa tlase
ga lefatshe,
11 le loleme longwe le longwe
lo ipolele gore
Morena ke Jesu Keresete,
e le go galaletsa
Modimo Rara.
Kaelo ya go utlwa Morena mo dilong tsotlhe
12 Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;
13 gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.
14 Dirang tsotlhe kwa ntle ga dingongorego le dipelaelo
15 gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;
16 lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.
17 Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe.
18 Mme le lona itumeleng fela jalo, lo itumeleng le nna.
Timotheo le Epafrodito ba romelwa kwa Filipi
19 Ke solofela mo go Jesu Morena gore ke tla akofa ke lo romela Timotheo gore le nna ke namatshege mo moweng, fa ke sena go utlwa ka fa lo phelang ka teng;
20 gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete,
21 ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.
22 Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.
23 Ke ene yo jaanong ke solofelang go mo roma ka bonakonako, ke sena go bona ka fa kgang ya me e felang ka teng.
24 Mme ke ikanya mo Moreneng gore le nna ke tla akofa ke tla.
25 Le gona ke fitlhetse e le tshwanelo go busetsa Epafrodito kwa go lona, mokaulengwe le mothusi wa me le motlhabani-ka-nna, yo e leng morongwi wa lona le montlamedi ka tse ke di batlang.
26 Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe.
27 O ne a lwala tota, e bile a le gaufi le go swa. Mme Modimo o mo utlwetse botlhoko, mme e seng ene fela, le nna o nkutlwetse botlhoko gore mahutsana a me a se ka a tla a tlhomaganye.
28 Ke gona ka moo ke mo romileng ka potlako gore e re lo mmona, lo boe lo itumele, le nna ke fokotsegelwe ke bohutsana.
29 Jaanong mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; tlotlang ba ba ntseng jalo.
30 Gonne o ne a le gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, ka a se ka a rekegela botshelo jwa gagwe gore a ntirele mo lona lo tlhaetseng go ntirela teng.