Boitumelo jo bo mo Moreneng. Kagiso. Bophelo jwa bokeresete
1 Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi.
2 Ke kaela Eodia, le Sintige ke a mo kaela gore ba utlwane mo Moreneng.
3 Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo.
4 Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!
5 A bopelontle jwa lona bo itsiwe ke batho botlhe. Morena o gaufi.
6 Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo.
7 Mme kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla boloka dipelo tsa lona le maikutlo a lona mo go Keresete Jesu.
8 Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.
9 Tse lo di ithutileng, lwa di amogela, lwa di utlwa, lwa di bona le mo go nna, lo di dire, mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.
Moapostolo o lebogela Bafilipi kabelo ya bone
10 Ke itumetse thata mo Moreneng, ka jaanong lo tiile gape go ka gopola go ntlamela; le gale lo ne lo ntse lo nkgopola, mme lo sa bone phatlha.
11 Ga ke bue jalo ka ntlha ya go tlhoka; gonne ke ithutile go itumelela tse ke leng mo go tsona.
12 Lehuma ke a le itse, le letlotlo ke a le itse; ke itse dilo tsotlhe, le fa e le go kgora gongwe go bolawa ke tlala, le fa e le go atlanegelwa gongwe go tlhoka.
13 Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete.
14 Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo tlhakanetse tlalelo le nna.
15 Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.
16 Gonne e rile ke le kwa Thesalonika, le teng lwa romela gangwe le gape tse ke neng ke di tlhoka.
17 Ga se go re ke batla neo, mme ke batla leungo le le tla lo atelang mo lenaneong la lona.
18 Ke amogetse tsotlhe, ke na le letlotlo, di ntlaletse, ke amogetse tse di tswang koo go lona mo go Epafrodito, tse e leng lonko lo lo nkgang monate le tshupelo e e natefelang e e kgatlhang Modimo.
19 Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu.
20 A kgalalelo e nne ya Modimo Rraetsho go ya bosakhutleng jotlhe! Amen.
Tumediso le tshegofatso
21 Dumedisang moitshepi mongwe le mongwe mo go Keresete Jesu. Bakaulengwe ba ba nang le nna ba a lo dumedisa.
22 Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa, bogolo bone ba ntlo ya Kaisara.
23 Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete a bo nne le mewa ya lona!