BAHEBERE 10

1 Gonne e re ka molao o na le moriti fela wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, e seng tsona tota, ga o ka ke wa dira ka gope, gore ba ba atamelang ba nne ba ba tletseng ka ditlhabelo tse di tshwanang tsa ngwaga le ngwaga tse ba ntseng ba di isa ka gale.

2 Go seng jalo, a ga ke re, ditlhabelo di ka bo di sa bolo go khutla go isiwa, fa batho ba sena go phepafadiwa gangwe fela? – ka gonne ba ba di direlang Modimo ba ka bo ba sa tlhole ba na le letswalo la dibe.

3 Mme go ne go gopodiwa maleo ka tsona ka ngwaga le ngwaga.

4 Gonne go a pala gore madi a dipoo le a diphoko a tlose maleo.

5 Ke ka moo e rileng a tla mo lefatsheng, a bua a re:

“Setlhabelo le tshupelo

ò di ganne,

mme ò mpaakanyeditse

mmele.

6 Ditlhabelo tsa phiso le tsa

boleo ga di a go natefela.

7 Foo ke ne ka re:

‘Bona, ke tsile’ – go kwadilwe

ka ga me mo Lokwalong –

‘go dira thato ya gago,

Modimo.’ ”

8 Pele o rile: “Ditlhabelo le ditshupelo le ditlhabelo tsa phiso le tsa boleo tse di tsisiwang ka fa molaong o di ganne, le gona ga di a go natefela.”

9 Ya baa gona a reng: “Bona, ke tsile go dira thato ya gago.” Ka go re jalo o dirolola sa pele gore a tlhomamise sa bobedi.

10 Ke ka yona thato eo re itshepiseditsweng ruri ka setlhabelo sa mmele wa ga Jesu Keresete.

11 Le gale moperesiti mongwe le mongwe o eme ka letsatsi lengwe le lengwe, a dira tsa tirelo-Modimo, a isa ditlhabelo tse di tshwanang gantsi, tse di sa kgoneng ka gope go tlosa maleo.

12 Mme ene Jesu, e rile a sena go isetsa maleo setlhabelo se le sengwe, a ya go nnela ruri ka fa letsogong le le jang la Modimo,

13 a ntse a letetse gore baba ba gagwe ba be ba dirwe sebeo sa dinao tsa gagwe.

14 Gonne ba ba itshepisiwang o ba dirile ba ba botlalo ka bosakhutleng ka setlhabelo se le sengwe fela.

15 Mme le Mowa o o Boitshepo o re supetsa jalo; gonne e rile Morena a sena go bua a re:

16 “Kgolagano e ke tla e dirang

nabo morago ga malatsi ano

ke e,

“Morena a ba a re:

“Ke tla tsenya melao ya me

mo dipelong tsa bone,

ke e kwala mo maikutlong

a bone;

17 mme dibe tsa bone

le ditshiamololo tsa bone

ga nkitla ke tlhola

ke di gopola.”

18 Mme jaanong kwa boitshwarelo jwa tsona bo leng teng, ga go tlhole go le setlhabelo ka ntlha ya boleo.

Kgothatso ya go tlhomama mo tumelong

19 Jaanong he, ba ga etsho, e re ka re na le phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo Felong-ga-Boitshepo

20 ka tsela e ntšhwa e e phelang e o e re buletseng go ka ralala lesire, ke go re, ka nama ya gagwe;

21 e re ka re bile re na le moperesiti yo mogolo yo o okameng Ntlo ya Modimo:

22 A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa.

23 A re kgomareleng boipolelo jwa tsholofelo, re se tshikinyege; gonne ene o boikanyo yo o re solofeditseng.

24 A re elaneng tlhoko gore re tlhotlheletsanye mo loratong le ditirong tse di molemo,

25 re se tlogele go phuthega ga rona, jaaka bangwe ba tlwaetse, mme re kaelane, bogolo thata ka lo bona letsatsi le ntse le atamela.

26 Gonne fa re leofa ka bomo, re sena go amogela kitso ya boammaaruri, go tla bo go sa tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo,

27 fa e se tebelelo e e boitshegang ya katlholo le bogale jwa molelo o o tla lailang baganetsi.

28 Fa mongwe a latlhile molao wa ga Moše, o swa ka basupi ba babedi gongwe ba bararo, a sa utlwelwe botlhoko.

29 Jaanong akanyang he gore ene yo o gatileng Morwa Modimo ka dinao, a kaya madi a kgolagano a o itshepisitsweng ka one dinyana, a sotla Mowa wa bopelotlhomogi: Ene o tla kaiwa a tshwanetswe ke petso e kgolo bogolo jang ne!

30 Gonne re itse yo o buileng a re: “Pusoloso ke ya me, ke tla busolosa;” a ba a re: “Morena o tla atlhola batho ba gagwe.”

31 Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.

32 Mme gakologelwang malatsi a pele, a e rileng lo sena go sedifadiwa, lwa itshokela kampano e kgolo ya dipogo ka ona;

33 ntlha nngwe e le ka go dirwa sebogelwa ka ditshotlo le dipitlagano, mme ntlheng e nngwe e le ka go nna balekane ba bone ba ba tshelang mo go tse di ntseng jalo.

34 Kana ba ba golegilweng lo ba tlhomogetse pelo, mme go amogwa dithoto tsa lona lwa go itshokela ka boitumelo, ka lo itse gore lona lo na le khumo kwa legodimong e e gaisang tsa lefatshe e e nnelang ruri.

35 Ka moo he, se latlheng boikanyo jwa lona jo bo nang le tuelo e kgolo!

36 Gonne boitshoko bo lo tshwanetse, e tle e re lo sena go dirafatsa thato ya Modimo, lo amogele se se solofeditsweng.

37 Gonne go a twe:

“Go sa ntse go le sebakanyana

se sekhutshwanyane,

mme yo o tshwanetseng go tla,

o tla tla, a sa diege.

38 Mme mosiami wa me

o tla tshela ka tumelo;

mme fa a ka ikepa,

mowa wa me

ga o ne o mo itumelela.”

39 Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo.