BAHEBERE 12

Tshwarelelo mo ditekong tebagano le sekao sa ga Keresete

1 Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo,

2 re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.

3 Tlhokomelang ene yo o itshoketseng kganetso e e kalo ya baleofi gore lo se ka lwa lapa ka go ngodiega mo meweng.

4 Gonne ga lo ise lo emelane le boleo gore go be go tshologe madi mo tlhabanong ya lona.

5 E bile lo lebetse kaelo e e buang le lona jaaka bana e e reng:

“Morwaaka,

se kaye kwatlhao ya Morena

se sennye,

le gona o se ka

wa kgobega marapo,

fa a go kgalemela;

6 gonne Morena

o watlhaya yo a mo ratang,

o itaya ngwana mongwe le

mongwe yo a mo amogelang.”

7 Fa lo itshokela go watlhaiwa, Modimo o lo tshola jaaka bana; gonne ke ngwana ofe yo rraagwe o sa mo watlhaeng?

8 Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo tla bo lo le bana ba dikgora, e seng ba nnete.

9 Gape re ne re na le borraetsho ka fa nameng ba ba re watlhaileng, mme ra ba ikobela; a ga re nke re ikokobeletsa Rara wa mewa bogolo, re tle re tshele?

10 Gonne bone ba re watlhaile malatsinyana fela ka fa ba neng ba bona go tshwanetse ka teng, mme ene o re watlhaela molemo gore re tle re amogele boitshepo jwa gagwe.

11 Le gale kwatlhao nngwe le nngwe, fa e dirafala, e a ne e kete ga e na boitumediso, mme ke tlhokofatso; mme morago gona e ungwele ba ba lailweng ka yona leungo le le agisang la tshiamo.

12 Ka ntlha ya moo tiisang diatla tse di repileng le mangole a a kgwetlhang.

13 Lo direle dinao tsa lona ditsela tse di tlhamaletseng gore setlhotsa se se ka sa relela, mme bogolo se alafege.

14 Latelelang kagiso mo bathong botlhe le boitshepiso jo go seng ope yo o tla bonang Morena kwa ntle ga jona;

15 lo ele tlhoko gore go se nne ope yo o diegelang bopelotlhomogi jwa Modimo, e se re gongwe modi o o galakang wa tlhoga, wa senya, mme batho ba bantsi ba kgotlelega ka ona.

16 A go se nne ope yo e leng seakakampo yo o sa itshekang jaaka Esau yo o bapaditseng botsalwapele jwa gagwe ka sejo se le sengwe fela.

17 Kana lo a itse, fa e rile morago ga moo a eletsa go rua boswa jwa tshegofatso, a latlhwa; gonne ga a ka a kgona go ka fetola pelo, le fa a go batlile ka dikeledi.

18 Gonne ga lo a tla fa thabeng e e ka angwang le e seng fa molelong o o tukang le e seng fa bontshong, le e seng fa lefifing le e seng fa ledimong,

19 le e seng fa go leleng ga lonaka le e seng fa tumong ya mafoko e bautlwi ba yona ba kopileng gore ba se ka ba tlhola ba okelediwa lefoko lepe.

20 Gonne ba ne ba retelelwa ke go itshokela se se laotsweng se se reng: “Tota le setshedi, fa se ka ama thaba eo, se be se na le go kgobotlediwa ka majwe gongwe go hulwa ka metswi.”

21 Mme ponalo e ne e boitshega mo go kalo, fa Moše a bileng a re: “Ke tshogile, ke a roroma.”

22 Mme lona lo tsile fa thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshelang, e bong Jerusalema wa legodimo, le kwa masomosomong a baengele le kwa kgobokanong ya moletlo

23 le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa magodimong, le fa Modimong, moatlhodi wa botlhe, le fa meweng ya basiami ba ba dirilweng botlalo,

24 le fa go Jesu, motsereganyi wa kgolagano e ntšhwa, le fa mading a kgatsho a a buang go gaisa a ga Abele.

25 Itiseng gore lo se ka lwa gana yo o buang. Gonne fa bale ba se ka ba falola, ba ba ganneng yo o ba laetseng mo lefatsheng, bogolo jang rona, fa re hularela yo o re laelang a le mo magodimong,

26 yo lentswe la gagwe le kileng la tshikinya lefatshe, mme kajeno o boleletse pele a re: “Ke sa ntse ke tla roromisa gangwe gape, e seng lefatshe fela, mme le lone legodimo.”

27 Mme lefoko le le reng: “Gangwe gape,” le supa phetolo ya tse di tshikinngwang, ka e le tse di dirilweng, gore go sale tse di sa tshikinyegeng.

28 Ka moo, e re ka re amogela puso e e sa reketleng, a re nneng le tebogo, mme ka yona re direle Modimo ka mokgwa o o o natefelang ka tshisimogo le ka poifo.

29 Gonne Modimo wa rona ke molelo o o nyeletsang.