BAHEBERE 2

Keresete, Morwa-Motho, yo o fetang baengele, ke Moperesiti yo mogolo yo o ka re utlwelang botlhoko mo makoeng a rona

1 Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso.

2 Gonne fa lefoko le le builweng ke baengele le ne le tlhomama, le tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa go ne go amogela petso e e tshwanetseng,

3 rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo? Ke e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, rona ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng;

4 Modimo o ntse o supa mmogo le bone ka ditshupo le dikgakgamatso le dithata tse dintsi le dikabo tsa Mowa o o Boitshepo ka fa thatong ya ona.

5 Gonne lefatshe le le tlang, le re buang ka ga lone, ga o a le baya mo taolong ya baengele;

6 mme mongwe o supile felong gongwe a re:

“Kana motho ke eng,

fa o mo gopotse,

gongwe ngwana wa motho

ke eng,

fa o mmabalela?

7 O mo tlhaedisitse baengele

ka sebakanyana fela,

mme morago

wa mo rwesa kgalalelo

le tlotlo,

wa mo laodisa ditiro

tsa diatla tsa gago;

8 dilo tsotlhe wa di baya

fa tlase ga dinao tsa gagwe.”

Mme kana ka go baya dilo tsotlhe fa tlase ga gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme kajeno ga re ise re bone, fa dilo tsotlhe di beilwe mo taolong ya gagwe.

9 Mme ene yo o ne a fetwa ke baengele ka sebakanyana, e bong Jesu, re mmona a rwesitswe kgalalelo le tlotlo ka ntlha ya pogiso ya loso gore a utlwele mongwe le mongwe loso ka bopelotlhomogi jwa Modimo.

10 Gonne go ne go tshwanetse ona o dilo tsotlhe di leng ka ntlha ya ona, o dilo tsotlhe di leng ka ona, o o gogetseng bana ba bantsi kwa kgalalelong, gore o ise mosimolodi wa pholoso ya bona kwa botlalong ka dipogo.

11 Gonne fa e le yo o itshepisang le ba ba itshepisiwang, botlhe ba tswa mo go a le mongwe fela; ke ka moo a sa tlhajweng ke ditlhong go ba bitsa bomorwa-rraagwe,

12 fa a re:

“Ke tla bolelela bomorwa-rre

leina la gago,

ke go opelela

mo gare ga phuthego.”

13 A bile a re:

“Nna ke tla mo ikanya;”

a ba a re:

“Bona, ke fano le

bana ba Modimo o ba nneileng.”

14 Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo,

15 a be a golole botlhe ba ba neng ba le mo bokgobeng botshelong jotlhe ka go boifa loso.

16 Gonne ruri ga se baengele ba o ba thusang, mme o thusa ba losika lwa ga Aborahame.

17 Ke ka moo o neng a tshwanetse go nna fela jaaka bomorwa-rraagwe mo dilong tsotlhe gore a nne kutlwelo-botlhoko, a nne moperesiti yo mogolo yo o ikanyegang mo dilong tse di lebanyeng Modimo, a tle a batlele batho boitshwarelo jwa dibe.

18 Gonne e re ka a bogile ka esi ka go raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.