BAHEBERE 5

1 Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe yo o ntshiwang mo bathong o tlhomamisediwa batho go ba thusa mo ditirelong tsa Modimo gore a tsise dineo le ditlhabelo ka ntlha ya maleo,

2 e le yo o ka utlwelang ba ba sa itseng le ba ba timetseng botlhoko, ka gonne le ene ka esi o kgomaretswe ke bokoa.

3 Mme ka ntlha ya jona o tshwanetse go itsisetsa ditlhabelo fela jaaka a tlhabela batho ka ntlha ya maleo.

4 Mme ga go ope yo o itseelang tlotlo ya boperesiti, mme ke ka go bidiwa ke Modimo, fela jaaka Arone.

5 Le ene Keresete jalo ga a a ka a itseela tlotlo ya go nna moperesiti yo mogolo, mme o e filwe ke o o mo reileng wa re:

“O Morwaake,

ke go tsetse gompieno;”

6 jaaka le go gongwe o buile wa re:

“O moperesiti

ka bosakhutleng

ka fa mokgweng

wa ga Melegi-Seteke.”

7 Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong.

8 Le fa a ne a le Morwa Modimo, a ithuta kutlo ka tse o di bogileng.

9 Mme e rile a sena go fitlha maemong a a tletseng, a nna mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng wa botlhe ba ba mo utlwang,

10 mme Modimo wa mmitsa Moperesiti yo mogolo ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.

11 Golo fa re na le tse dintsi go di bua, mme go thata go ka di lo tlhalosetsa, ka lo thibetse ditsebe.

12 Gonne fa go lekanngwa sebaka, lo ne lo tshwanetswe lwa bo lo setse lo le baruti; mme go sa ntse go batlega gape gore lo rutiwe ditlhaka tsa ntlha tsa Lefoko la Modimo; ee, lo boetse lo tshwanetswe ke lebese, e seng dijo tse di loileng.

13 Gonne mongwe le mongwe yo o sa ntseng a phela ka lebese, ga a ise a tlhalefele lefoko le le tletseng la tshiamo, ka a sa le lesea fela.

14 Mme dijo tse di loileng ke tsa ba ba godileng, ba ba nang le maikutlo a a tlwaeditsweng go ka farologanya tse di molemo le tse di bosula.