1 Ka ntlha ya moo a re feteng thuto ya pele ka ga Keresete, re fetele pele kwa maemong a a tletseng, re se ka ra ba ra thaya motheo gape wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, wa go dumela mo Modimong,
2 wa thuto ya dikolobetso le ya go baya diatla le ya tsogo ya baswi le ya katlholo e e sa khutleng.
3 Re tla dira jalo, fa Modimo o ka re letlelela.
4 Gonne go pala mo go ba ba kileng ba sedimosediwa, ba utlwa monate wa neo ya legodimo, ba abelwa Mowa o o Boitshepo,
5 ba utlwa monate wa Lefoko le le molemo la Modimo le wa dithata tsa lefatshe le le tlang,
6 mme ba tloga ba tenega, go a pala go ba ntšhwafatsa gore ba tlhabologe gape, ka ba bapola Morwa Modimo gape ka bobone, ba mo dira nyatsego mo ponatshegong.
7 Gonne lefatshe le le nwang pula e e le nang gantsi, le le ungwelang bone ba ba le lemelang dijwalo tse di thusang, lone le bona lesego mo Modimong.
8 Mme fa le ungwa mesu le ditshetlho, le a bo le sa thuse sepe, le le gaufi le go hutsiwa, mo bofelelo jwa gona e leng go fisiwa.
9 Mme le fa re bua jalo, baratwi, re dumela tse di gaisang moo ka tlhomamo ntlheng ya lona, e bong tse di isang phologong.
10 Gonne Modimo ga o tshiamololo go ka lebala tiro ya lona, le lorato lo lo lo supileng ka ntlha ya leina la ona, ka lo diretse baitshepi, mme lo sa ntse lo ba direla.
11 Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a supe tlhoafalo e e ntseng jalo gore a bone tsholofelo e e tletseng go ya bokhutlong,
12 gore lo se tshwakgafale, mme lo nne baetsi ba bone ba tse ba di solofeditsweng ba di ruang boswa ka tumelo le ka bopelotelele.
13 Gonne e rile Modimo o neela Aborahame tsholofetso, ya re ka o se na ope yo mogolo go ona go ka ikana ka ene, wa ikana ka ona ka osi
14 wa re: “Ammaaruri, ke tla go tshegofatsa thata, ke go atisa gagolo.”
15 Jaanong ya re a sena go leta jalo ka bopelotelele, a amogela tse a di solofeditsweng.
16 Gonne batho ba a tle ba ikane ka yo mogolo go bone, mme ikano ke tlhomamiso e e khutlisang kganetso yotlhe mo go bone.
17 Ke ka moo e rileng Modimo o rata gagolo go supetsa baja-boswa ba tse di solofeditsweng bosafetogeng jwa boikaelelo jwa ona, wa di tiisa ka maikano;
18 e le gore ka dilo tse pedi tse di sa ka keng tsa fetoga, tse Modimo o sa ka keng wa aka ka gope ka tsona, rona ba re falotseng mo lefatsheng re tle re nne le kgomotso e kgolo, re itshwarelele ka tsholofelo e e beilweng fa pele ga rona,
19 e re nang nayo jaaka seitsetsepelo sa mowa se se tlhomameng, se se sa tshikinyegeng, mme se tsena ka kwa teng ga lesire,
20 kwa Jesu, moeteledipele, a tsenyeng teng ka ntlha ya rona, ene yo o diregileng Moperesiti yo mogolo ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.