BAKOLOSE 1

Tumediso

1 Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka thato ya Modimo, le Timotheo mokaulengwe,

2 re kwalela baitshepi ba kwa Kolose, e bong bakaulengwe ba ba dumelang mo go Keresete:

A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!

Tumelo ya Bakolose le lorato lwa bone. Moapostolo o a ba rapelela. Keresete ke Mogolodi wa rona le setshwano sa Modimo le Tlhogo ya phuthego

3 Re leboga Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka gale, fa re lo rapelela,

4 ka re utlwile ka ga tumelo ya lona ya go dumela mo go Keresete Jesu, le ka ga lorato lo lo ratang baitshepi botlhe ka lone,

5 ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele

6 le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete,

7 jaaka lo ithutile mo go Epafera, motlhanka-ka-rona yo o rategang, yo e leng modiredi yo o boikanyo wa ga Keresete mo go lona,

8 yo e bileng a re begetse lorato lwa lona lo lo tswang mo Moweng.

9 Ke gona ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe kitso ya thato ya ona ka botlhale jotlhe le temogo tse di tswang mo Moweng,

10 gore lo tshele ka fa go tshwanetseng Morena ka teng go mo kgatlha gotlhe, lo ungwe tiro nngwe le nngwe e e molemo, lo gole mo kitsong ya Modimo,

11 lo thatafadiwe ka thata yotlhe ka fa thateng ya kgalalelo ya ona gore lo be lo nne le tshwarelelo yotlhe le bopelotelele;

12 lo leboge Rara ka boitumelo yo o re nonotshitseng go nna le kabelo mo bosweng jwa baitshepi mo leseding,

13 a re golola mo thateng ya lefifi, a re tsenya mo pusong ya Morwaa-ona wa lorato

14 yo re nang le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa dibe.

15 Ke ene setshwano sa Modimo o o sa bonweng, yo o tsetsweng pele ga tlholego yotlhe;

16 gonne dilo tsotlhe tse di mo legodimong le mo lefatsheng, tse di bonwang le tse di sa bonweng, di tlhodilwe ka ene, le fa e ka nna ditulo tsa bogosi gongwe magosi gongwe balaodi gongwe mebuso, tsotlhe di tlhodilwe ka ene, di bile di tlholetswe ene.

17 Ene o sa le a nna teng pele ga tsotlhe, e bile tsotlhe di tlhomame ka ene.

18 Ke ene tlhogo ya mmele o e leng phuthego, ene yo e leng tshimologo le motsalwapele go tswa mo baswing gore a nne le boemo jo bo kwa pele mo go tsotlhe.

19 Gonne go ne go kgatlha Modimo gore botlalo jotlhe bo nne mo go ene,

20 le gore tsotlhe tse di mo lefatsheng le tse di kwa magodimong di ruanngwe le ona ka ene ka go dira kagiso ka ene ka madi a sefapaano sa gagwe.

21 Le lona ba e rileng pele lwa bo lo le baeng le baba ka go tlhalefela ditiro tse di bosula,

22 jaanong Jesu o lo ruantse ka loso a le mo mmeleng wa gagwe wa nama gore a lo emise fa pele ga ona, lo le boitshepo, lo se na molato, lo sa nyatsege;

23 fa tota lo ka nna mo tumelong, lo theilwe, lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Efangele e lo e utlwileng, e e reretsweng lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga letsatsi, e nna Paulo ke dirilweng modiredi wa yona.

Tiro ya ga Paulo le tlhabano ya gagwe mo tirelong ya gagwe

24 Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego

25 e ke diregileng modiredi wa yona ka fa tirong ya Modimo ya go pholosa batho e ke e neilweng go dirafatsa Lefoko la Modimo mo go lona,

26 e bong bosaitsiweng jo bo ntseng bo fitlhegile go tswa metlheng ya bogologolo le ditshikeng tsa bogologolo, mme jaanong bo senoletswe baitshepi ba ona

27 ba Modimo o ratileng go ba itsise se e leng lohumo lwa kgalalelo ya bosaitsiweng joo mo baheitaneng, lo e leng Keresete mo go lona, yo e leng tsholofelo ya kgalalelo.

28 Ke ene yo re mo rerang ka go kgothatsa le go ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe gore re emise motho mongwe le mongwe a tletse mo go Keresete.

29 Ke sona se ke se itapisetsang, ke se lwela ka fa thateng ya gagwe e e dirang mo go nna ka nonofo.