BAKOLOSE 2

1 Ke rata gore lo itse ntwa e e kanakana e ke e lwelang lona le ba kwa Laodikea le botlhe ba ba iseng ba mpone sefatlhego,

2 gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete

3 yo mahumo otlhe a botlhale le a kitso a fitlhegileng mo go ene.

Kaelo ya go itisa mo dithutong tsa tsietso

4 Ke bua tseo gore go se nne ope yo o lo tsietsang ka dipuo tse di borethe.

5 Gonne le fa ke se yo ka mmele, ka mowa ke na le lona, ke itumelela go bona thulaganyo ya lona le tlhomamo ya go dumela ga lona mo go Keresete.

6 Jaanong tsamayang mo go Keresete Jesu Morena jaaka lo mo amogetse.

7 Lo nne ba ba namileng medi, lo agiwe mo go ene, lo tiisiwe mo tumelong ka fa lo rutilweng ka teng, lo penologe tebogo.

8 Itiseng gore go se nne ope yo o lo ithopelang ka thuto ya botlhale le ka tsietso ya boithamako ka fa melawaneng ya batho, ka fa dithateng tsa tlhago tsa lefatshe, mme e seng ka fa go Keresete.

9 Gonne botlalo jotlhe jwa Bodimo bo agile mo go ene ka sebele.

10 Mme lona lo dirilwe ba botlalo mo go ene yo e leng tlhogo ya balaodi botlhe le mebuso yotlhe.

11 Le gona lo rupile mo go ene ka thupiso e e sa dirweng ka diatla, ka go apola mmele wa nama e e boleo, ka thupiso ya ga Keresete,

12 ka lo fitlhilwe nae ka kolobetso. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing.

13 Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe,

14 wa phimola lokwalo lo lo re bayang molato lo lo neng lo emelanye le rona ka melao, wa lo tlosa fa gare ka go lo kokotela mo sefapaanong,

15 wa apola babusi le balaodi, wa ba supa mo ponatshegong, wa tlhaba kôma ka bone mo go ene.

16 Mme jaanong a go se nne ope yo o lo sekisang ka ntlha ya dijo gongwe dino, le e seng ka ntlha ya sengwe sa moletlo gongwe sa ngwedi o o rogilweng gongwe sa boSabata,

17 tse e leng moriti wa dilo tse di tlang, mme tsone tota ke tsa ga Keresete.

18 A go se nne ope yo o phamolang sekgele mo go lona ka go kgatlhwa ke boikokobetso le kobamelo ya baengele, a ikgantsha ka tse o di bonyeng, a budulosiwa ke tlhaloganyo ya nama ya gagwe kwa ntle ga lebaka,

19 mme a sa itshwarelele ka yo e leng tlhogo, yo mmele otlhe o golang ka ene, o godisiwa ke Modimo ka go thusiwa le go tshwaraganngwa ke malokololo le mesifa.

20 Mme fa ka go swa le Keresete lo golotswe mo dithateng tsa tlhago tsa lefatshe, lo iteseleletsang go laolwa ke melaonyana jaaka e kete lo sa ntse lo phela mo lefatsheng?

21 Ga twe: “O se ka wa tshwara ka letsogo; o se ka wa utlwa ka loleme; o se ka wa ama!”

22 Kana tsotlhe tseo di na le go senyega ka go dirisiwa ka fa ditaelong le dithutong tsa batho.

23 Dilo tseo ke tse ba reng ke tsa botlhale ka tirelo-Modimo ya boithatelo, le ka boikokobetso le ka go sa rekegeleng mmele; mme ga di molemo ka gope, fa e se go kgorisa nama fela.