Kaelo ya go ineela go itshepisiwa le ya go ratana
1 Fa jaanong lo tsositswe le Keresete, batlang he tse di kwa godimo, kwa Keresete a leng teng, a ntse ka fa letsogong le le jang la Modimo.
2 Gopolang dilo tse di kwa godimo, e seng tse di mo lefatsheng;
3 gonne lo sule, mme botshelo jwa lona bo fitlhegile le Keresete mo Modimong.
4 E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.
5 Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele,
6 tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba sa utlweng ka ntlha ya tsona.
7 Le lona lo kile lwa tsamaya mo go tsona, jale fa lo sa ntse lo tshela mo go tsona.
8 Mme jaanong le lona, latlhang tsotlhe tseo, e bong bogale le kgakalo le bosula le kgalo; mme dipuo tsa ditlhong di se tlhole di tswa mo melomong ya lona.
9 Se aketsanyeng, ka lo apotse motho yo mogologolo le ditiro tsa gagwe,
10 mme lo apere motho yo mošwa yo o ntšhwafalediwang kitso ka fa setshwanong sa ona o o mo tlhodileng,
11 fa go sa tlholeng go farologanngwa Mogerika le Mojuta, go rupa le go-sa-rupang, lekgalagadi le Mosekhithe, lekgoba le mogololesegi, mme Keresete e le bojotlhe, a bile a le mo go botlhe.
12 Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele;
13 lo itshokelane, lo itshwarelane fa mongwe a ledisiwa ke molato wa yo mongwe; itshwareleng jaaka Morena le ene a lo itshwaretse.
14 Mo godimo ga tsotlhe tseo lo apare lorato lo e leng sebofo sa botlalo.
15 A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona e lo e bileditsweng mo mmeleng o le mongwe fela, mme lo nne ba ba lebogang.
16 A Lefoko la ga Keresete le age mo go lona segolo ka botlhale jotlhe, lo rutane, lo kgothatsanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Modimo ka tebogo mo dipelong tsa lona.
17 Mme le fa e le eng se lo se dirang ka puo gongwe ka tiro, dirang tsotlhe mo leineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.
Melao ya lelapa
18 Lona basadi, ikokobeletseng banna ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng.
19 Lona banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba gakalela.
20 Lona bana, utlwang bagolo mo dilong tsotlhe; gonne moo go kgatlha Morena.
21 Lona borra-bana, lo se tshwenye bana ba lona, gore ba se kgobege marapo.
22 Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka fa nameng mo dilong tsotlhe, e seng ka go ba direla matlhong jaaka ba ba kgatlhang batho, mme a e nne ka bopelophepa ka go boifa Morena.
23 Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka pelo yotlhe, jaaka e le go direla Morena, e seng batho,
24 ka lo itse gore lo tla amogela boswa mo Moreneng e le tuelo. Kana lo direla Morena Keresete.
25 Gonne yo o dirang tshiamololo o tla busediwa tshiamololo e a e dirileng, mme go gobelelela motho ga go teng mo Modimong.