Tsholofelo ya Baiseraele
1 Jaanong ka re: A ke go re, Modimo o latlhile morafe wa ona? Le go ka! Kana le nna ke Moiseraele wa losika lwa ga Aborahame, wa lotso lwa ga Benyamene.
2 Modimo ga o a ka wa latlha morafe wa ona o o o itsileng pele. A kampo ga lo itse se Lokwalo lo se buang le Elia, fa a lela ka ga Baiseraele fa pele ga Modimo a re:
3 “Morena, ba bolaile baporofeti ba gago, ba digile dialetare tsa gago, ke setse ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”
4 Karabo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba iseng ba ke ba khubamele Baale.”
5 Go ntse jalo le kajeno, go na le masalela ka fa tlhaolong ya bopelotlhomogi.
6 Mme fa e le ka bopelotlhomogi, ga e tlhole e le ka ditiro; gonne foo bopelotlhomogi e ka bo e sa tlhole e le bopelotlhomogi; mme fa e le ka ditiro, ga e tlhole e le ka bopelothomogi; gonne foo tiro e ka bo e sa tlhole e le tiro.
7 Go ntse jang jaanong? Se Baiseraele ba neng ba se batla ga ba a ka ba se bona; mme ba ba tlhaotsweng ba se bonye; ba bangwe bone ba thatafaditswe dipelo,
8 jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo o ba file mowa wa kidibalo, le matlho a a sa boneng, le ditsebe tse di sa utlweng go fitlha mo letsatsing la gompieno.”
9 Mme Dafita a re:
“A tafole ya bone
e nne mutlwane
le lemena le sekgopi
le pusoloso mo go bone.
10 A matlho a bone a fifale
gore ba se ka ba bona;
mekokotlo ya bone
o e konele ruri.”
11 Jaanong ka re: A ba kgopilwe gore ba tle ba we? Nnyaya! Ka go wa ga bone pholoso e tletse baheitane gore lefufa le tsoge mo Bajuteng.
12 Mme fa go wa ga bone go humisa lefatshe, le boikepo jwa bone e le khumiso ya baheitane, go dirafatsa thato ya Modimo ga bone gona go ka humisa bogolo jang ne!
13 Kana ke bua le lona baheitane ka re: E re ka ke le moapostolo wa baheitane, ke tlotla tiro ya me,
14 e tle e re gongwe ke tsose lefufa mo go bone ba e leng ba morafe wa ga etsho, ke pholose bangwe ba bone.
15 Gonne fa tatlhego ya bone e le thuanyo ya lefatshe, kana go tsholwa gape ga bone gona e ka nna eng fa e se bophelo jwa baswi?
16 Mme fa senkgwe sa pele se le boitshepo, modubo wa sona le ona o tla bo o le boitshepo; fa medi e le boitshepo, dikala le tsona di tla bo di le boitshepo.
17 Jaanong fa dikala tse dingwe di kgaotswe, mme wena yo o neng o le setlhare sa olefa sa naga, wa lomelelwa mo gare ga tsona, wa tlhakanela modi le monono wa setlhare sa olefa sa legae,
18 foo o se ka wa belafalela dikala. Fa o ka belafala, itse gore kana ga se wena yo o rweleng modi, mme modi o rwele wena.
19 Go gongwe o tla re: “Kana dikala di kgaotswe gore nna ke lomelelwe teng.”
20 Go siame, di kgaotswe ka go tlhoka tumelo, mme wena o eme ka tumelo. O se ka wa ikgodisa, mme o boife.
21 Gonne fa Modimo o sa rekegela dikala tse e leng tsona tota, le wena ga o kitla o go rekegela.
22 A o ko o lemoge molemo le bogale jwa Modimo; bogale mo go bone ba ba oleng, molemo ona mo go wena, fa o ka sala mo molemong; go seng jalo le wena o tla kgaolwa.
23 Gape, le bone, fa ba sa sale mo go sa dumeleng, ba tla lomelelwa; Modimo o nonofile go ba busetsa mo mannong a bone.
24 Gonne fa wena o kgaotswe mo setlhareng sa olefa sa naga o le wa sona, mme wa lomelelwa mo setlhareng sa olefa sa legae o se wa sona, kana bogolo jang bone ba e ntseng e le ba sona tota ba ka busediwa mo setlhareng sa olefa sa legae sa bone!
25 Ba ga etsho, ga ke rate go lo lobela bosaitsiweng jo, gore lo se itlhome lo le botlhale, e bong bosaitsiweng jwa go re: Boithatafatso bo tsile mo Baiseraeleng ka ntlha nngwe go ya baheitane ba tsene pele ka palo e e tletseng.
26 Ke gona Baiseraele botlhe ba tla pholosiwang jaaka go kwadilwe ga twe:
“Mogolodi o tla tswa
mo go Sione,
a tlosa boikepo mo go Jakobe.
27 Ke yona kgolagano ya me
le bone,
motlhang ke tlosang
dibe tsa bone.”
28 Jaanong ka go gana Efangele ke baba ba Modimo ka ntlha ya lona; mme ka fa tlhaolong gone ke baratwi ka ntlha ya borraetsho.
29 Gonne dineo tsa bopelotlhomogi le pitso ya Modimo ga di dirololwe.
30 Gonne lona e rile pele lwa bo lo sa utlwe Modimo, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko ka go sa utlweng ga bone,
31 le bone jalo kajeno ga ba utlwe, gore le bone ba tle ba utlwelwe botlhoko ka boutlwelo-botlhoko jo lona lo bo bonyeng;
32 gonne Modimo o ba tswaletse botlhe mo go sa utlweng gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe.
Loboko
33 A boteng jwa khumo le jwa botlhale le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa ona ga di na totolotso jang ne, le ditsela tsa ona ga di na tlhotlhomiso jang ne!
34 “Gonne ke mang yo o itsileng
maikaelelo a Morena,
gongwe mogakolodi wa gagwe
e ne e le mang?”
35 “Gape ke mang yo o mo neileng pele se o tla se busediwang?”
36 Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.