Go ineela Modimo le go dirisa dineo tsa ona ka boikanyo
1 Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng.
2 Lo se ka lwa tshwana le lefatshe leno, mme fetogang ka go ntšhwafadiwa maikutlo, gore lo tlhotlhomise se e leng thato ya Modimo e e molemo, e e kgatlhang, e e botlalo.
3 Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe.
4 Kana re na le ditokololo tse dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe ga di dire tiro e le nngwe fela,
5 rona re mmele o le mongwe jalo mo go Keresete, le fa re le bantsi, mme rotlhe re direlana re le ditokololo.
6 Jaanong re na le dineo tse di farologanyeng ka fa bopelotlhomoging jo re bo neilweng: Yo o nonotshitsweng go rera a a go dirise ka go utlwana le tumelo;
7 yo o direlang a a tlhokomele tirelo; yo o rutang a a tlhokomele go ruta;
8 yo o kgothatsang a a tlhokomele go kgothatsa; yo o atswang a a atswe ka pelo e tshweu; yo o gogang phuthego a a dire ka tlhoafalo; yo o dirang tsa kutlwelo-botlhoko a a dire a thabile.
9 A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo.
10 Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana.
11 Se lapeng mo tlhoafalong, lo tuke mo moweng, lo direle Morena.
12 Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong.
13 Abelang baitshepi ba ba tlhokang; itlwaetseng go tshola baeng.
14 Tshegofatsang ba ba lo bogisang; tshegofatsang, mme lo se ka lwa hutsa.
15 Itumeleng le ba ba itumelang, lo lele le ba ba lelang.
16 Nnang bopelonngwe fela. Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka losi.
17 Se busoloseng bosula jwa ga ope ka bosula; gopolang tse di molemo mo bathong botlhe.
18 Fa go kgonega ka fa thateng ya lona, agisanyang le batho botlhe.
19 Baratwi, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme sutelang bogale jwa Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me, nna ke tla busolosa, go bua Morena.”
20 “Jesa mmaba wa gago, fa a tshwerwe ke tlala; mo nose, fa a nyorilwe; gonne ka go dira jalo o tla tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”
21 O se ka wa fenngwa ke bosula, mme fenya bosula ka molemo.