Ditumediso le dikeleletso
1 Ke lo laela Febe, kgaitsadia-rona, yo e leng modiredi wa phuthego ya kwa Kenegerea,
2 gore lo mo tshole mo Moreneng jaaka go tshwanetse baitshepi, le go mo thusa ka fa a batlang thuso ya lona ka teng; gonne le ene e ne e le mothusi wa ba bantsi le wa me ka nosi.
3 Dumedisang Perisila le Akwila, bathusi ba me mo go Keresete Jesu,
4 ba ba femetseng botshelo jwa me ka dithamo tsa bone, ba ke ba lebogang, mme e seng nna fela; e bile ba lebogwa ke diphuthego tsotlhe tse di tswang mo baheitaneng.
5 Dumedisang le phuthego e e kgobokanelang mo ntlong ya bone.
Dumedisang Epeneto, moratwi wa me, yo e leng ene wa ntlha yo o ineetseng Keresete kwa Asia.
6 Dumedisang Maria yo o itapisitseng gagolo ka ntlha ya rona.
7 Dumedisang Anteroniko le Junia, ba setšhaba sa ga etsho, ba ba neng ba tshwerwe mmogo le nna, ba ba tumileng mo baapostolong, ba ba bileng ba ineetse Keresete pele ga me.
8 Dumedisang Ampelea, moratwi wa me mo Moreneng.
9 Dumedisang Urubano, mothusi wa rona mo go Keresete, le Setagi, moratwi wa me.
10 Dumedisang Apele yo o ikanyegang mo go Keresete. Dumedisang bakaulengwe mo go ba ga Arisetobulo.
11 Dumedisang Herodione wa setšhaba sa ga etsho. Dumedisang ba e leng ba Morena mo go ba ga Narekiso.
12 Dumedisang Terefina le Terefosa, basadi ba ba direlang Morena. Dumedisang Peresise yo o rategang, mosadi yo o diretseng Morena thata.
13 Dumedisang Rufo, motlhaolwi wa Morena, le mmaagwe yo le nna e leng mme.
14 Dumedisang Asinkerito le Felegone le Hereme le Pateroba le Herema le bakaulengwe ba ba nang nabo.
15 Dumedisang Filologo le Julia le Nereo le kgaitsadie le Olempa le baitshepi botlhe ba ba nang nabo.
16 Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa.
17 Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo rapela gore lo ele bone tlhoko ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng mo go rona, lo ba efoge.
18 Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle.
19 Kana kutlo ya lona e itsegile mo go botlhe. Ka moo ke a lo itumelela, ke bile ke eletsa gore lo tlhalefele molemo; mme lo sisimoge bosula.
20 Modimo wa kagiso o tla gatelela Satane ka bonako fa tlase ga dinao tsa lona.
A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu bo nne le lona!
21 Timotheo, mothusi wa me, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba setšhaba sa ga etsho, ba a lo dumedisa.
22 Nna, ke le Teretio, mokwadi wa lokwalo lo, ke lo dumedisa mo Moreneng.
23 Gayo yo ke nnang mo ntlong ya gagwe, yo o tsholang phuthego yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto, motsholamadi wa motse, le Kwarato, mokaulengwe, ba a lo dumedisa.
24 A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe! Amen.
25 Ona o o nonofileng go ka lo tiisa ka fa Efangeleng ya me, le ka fa therong ka ga Jesu Keresete, ka fa ponatshegong ya bosaitsiweng jo bo neng bo subilwe go tswa bosasimologeng,
26 jo jaanong bo senotsweng ka dikwalo tsa baporofeti, jwa itsisiwa merafe yotlhe ka fa taolong ya Modimo o o sa khutleng gore e ineele mo kutlong ya tumelo;
27 ona Modimo o o leng botlhale o le osi, a kgalalelo e nne ya ona ka Jesu Keresete ka bosakhutleng! Amen.