Lesego la Mojuta. Tshiamo ya Modimo
1 Mojuta jaanong o gaisa ba bangwe ka eng, gongwe thuso ya thupiso ke eng?
2 Ke e kgolo mo ntlheng tsotlhe; gonne ga ntlha: ba neetswe Lefoko la Modimo.
3 Jaanong go ka tweng? A ke go re, fa bangwe ba ne ba sa ikanyege, go-sa-ikanyegeng ga bone go ka dirolola boikanyego jwa Modimo?
4 Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe:
“Gore o tle o fitlhelwe o siame
mo mafokong a gago,
o fenye, fa o bewa molato.”
5 Fa jaanong tshiamololo ya rona e tlhomamisa tshiamo ya Modimo, re ka reng? A Modimo o a bo o siamolola, fa o re galefela? Ke bua ka mokgwa wa batho.
6 Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang?
7 Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelong ya ona ka maaka a me, ke tla bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi?
8 A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng.
Botlhe ba mo thateng ya boleo
9 Jaanong go ka tweng? A re gaisa ba bangwe? E seng ka gope; gonne re setse re supile gore Bajuta le Bagerika botlhe ba mo taolong ya boleo,
10 jaaka go kwadilwe ga twe:
“Ga go ope yo o siameng,
le e seng a le mongwe fela.
11 Ga go ope yo o tlhaloganyang,
ga go ope yo o batlang Modimo.
12 Botlhe ba fapogile,
botlhe mmogo ba tlhobosegile;
ga go ope yo o dirang molemo,
ga a yo
le e seng a le mongwe fela.
13 Memetso ya bone
ke mabitla a a butsweng;
ba tsietsa ka diteme tsa bone.
Botlhole jwa dinoga
bo mo melomong ya bone.
14 Magano a bone
a tletse thogako le bogalaka.
15 Dinao tsa bone
di bofefo go tsholola madi.
16 Tshenyo le pogiso
di mo ditseleng tsa bone,
17 mme tsela ya kagiso
yona ga ba e itse.
18 Ga ba boife Modimo jaaka
o le fa pele ga matlho a bone.”
19 Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo.
20 Ke ka moo go se nang motho ope yo o tla siamisiwang fa pele ga ona ka ditiro tsa molao; gonne molao o re naya kitso ya boleo.
Tshiamiso ka go dumela mo go Jesu Keresete
21 Mme jaanong tshiamo ya Modimo e senotswe kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baporofeti,
22 e bong tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na pharologanyo epe;
23 gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo,
24 mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu,
25 yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse
26 gore o tle o supe tshiamo ya ona mo sebakeng seno, e nne ona o o siameng, o o siamisang ene yo o dumelang mo go Jesu.
27 Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo.
28 Ke ka moo re kayang gore motho o siamisiwa ka tumelo fela, e seng ka ditiro tsa molao.
29 A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone,
30 ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo.
31 Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao.