Aborahame o siamisitswe ka tumelo
1 Mme jaanong re ka botsa re re: Aborahame, rraetsho-mogolwago-lwane ka fa nameng, o bonye eng?
2 Kana fa Aborahame a ka bo a siamisitswe ka ditiro, o ka bo a na le pelafalo, fela e seng fa pele ga Modimo.
3 Gonne Lokwalo lo a reng? Lo a re: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme ka moo a kaiwa mosiami.”
4 Yo o dirang, tuelo ga a e balelwe ka fa bopelotlhomoging, mme e le ka fa selekanyong.
5 Mme ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moikepi, ene tumelo ya gagwe e tla kaiwa tshiamo,
6 fela jaaka Dafita a bua ka ga lesego la motho yo Modimo o mo kayang mosiami kwa ntle ga ditiro a re:
7 “Go sego bone ba ditshiamololo
tsa bone di itshwaretsweng,
ba dibe tsa bone di bipilweng.
8 Go sego monna yo Morena
a sa mmaleleng molato wa boleo
ka gope.”
9 Jaanong lesego leo a ke la ba ba rupileng fela, a kampo ke la ba ba sa rupang le bone? Gonne ra re: “Aborahame tumelo ya gagwe e kailwe tshiamo.”
10 Mme kana o ne a kaiwa mosiami a ntse jang? A ke fa a setse a rupile, gongwe a ise a rupe? Ga se fa a rupile, mme ke fa a ise a rupe.
11 Sesupo sa go rupa o ne a se amogela go nna sekano sa tshiamo ya tumelo e o neng a na nayo a ise a rupe, gore a nne rraabone botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa, gore le bone ba kaiwe basiami;
12 le gore a nne rraabone ba ba rupileng, e seng ka go rupa fela, mme le ka go tsaya motlhala wa tumelo ya ga rraetsho Aborahame, a ise a rupe;
13 gonne tsholofetso ya go re, o tla nna morua-boswa wa lefatshe, ga e a newa Aborahame gongwe losika lwa gagwe ka molao, mme ke ka tshiamo ya tumelo.
14 Kana fa ba e leng ba molao e ka nna bone barua-boswa, foo tumelo e tla bo e se na thuso epe, le tsholofetso e tla bo e dirolotswe.
15 Gonne molao o tsosa bogale, mme kwa go se nang molao teng, tlolo le yona ga e yo teng.
16 Ka moo boswa bo tla ka tumelo gore e nne ka fa bopelotlhomoging, e le gore tsholofetso e tlhomamele bana botlhe, e seng fela ba e leng ba molao, mme le bone ba tumelo ya ga Aborahame yo e leng rraarona rotlhe,
17 jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e mentsi;” Aborahame ke rraarona fa pele ga ona Modimo o a o dumetseng, o o phedisang baswi, o bile o bitsa dilo tse di se yong jaaka e kete di teng;
18 yo e rileng tsholofelo e sa tlhole e le teng, a dumela ka tsholofelo, gore a tle a nne rra merafe e mentsi ka fa go builweng ka teng ga twe: “Losika lwa gago lo tla nna jalo.”
19 Mme ga a ka a koafala mo tumelong, fa a leba mmele wa gagwe o o setseng o onetse, dinyaga tsa gagwe e le tse di ka nnang lekgolo, le mmele wa ga Sara o o setseng o onetse.
20 A se ka a belaela tsholofetso ya Modimo ka go sa dumeleng, mme bogolo a tia mo tumelong, a tlotla Modimo,
21 a dumela ka botlalo gore se Modimo o se solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.
22 Ka ntlha ya moo tumelo e bile ya kaiwa tshiamo ya gagwe.
23 Jaanong ga go a kwalwa ka ntlha ya gagwe fela gore tumelo e kailwe tshiamo ya gagwe,
24 mme e bile ke ka ntlha ya rona, ba re tla kaiwang jalo, e bong rona ba re dumelang mo go ona o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing,
25 yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a ba a tsosediwa go siamisiwa ga rona.