Ka ga tse di tla dirafalang Mopholosi wa lefatshe a ise a tle
1 Ka ngwaga wa boraro wa ga Korese, kgosi ya Peresia, Daniele yo o bidiwang ka leina la Beletšhatsare, a senolelwa lefoko, e le lefoko la nnete le le bolelang pitlagano e kgolo. A ela lefoko leo tlhoko, a tlhaloganya pono.
2 Ka malatsi ao nna Daniele ka nna ke hutsafetse beke di le tharo tse di tletseng:
3 Ka bo ke sa je dijo tse di monate, nama le weine di sa tsene mo leganong la me; le go tlôla ke sa tlole go fitlhelela go fete beke di le tharo tse di tletseng.
4 Ya re ka letsatsi le 24 la kgwedi ya ntlha ke le fa losing lwa noka e kgolo ya Hitekele,
5 ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona monna yo o apereng lesela la letseta, a itlamile letheka ka gouta ya kwa Ufase.
6 Mmele wa gagwe wa bo o tshwana le taemane ya kerisolite; sefatlhego sa gagwe se phatsima jaaka legadima; matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya lobone; mabogo a gagwe le maoto a gagwe tsa bo di tsabakela jaaka kgotlho e e gotlhilweng; mafoko a gagwe a utlwala jaaka modumo wa bontsi jwa batho.
7 Nna Daniele ke bonye pono eo ke le nosi; banna ba ba neng ba na le nna ga ba a ka ba e bona. Fela letshogo le legolo la ba wela, ba tshaba, ba iphitlha.
8 Ka sala ke le nosi, ka bona pono e kgolo eo, ka felelwa ke thata; bontle jwa sefatlhego sa me jwa fetoga, sa nna maswe, ke sa tlhole ke na le thata.
9 Ka utlwa modumo wa mafoko a gagwe; ya re ke utlwa modumo wa mafoko a gagwe, ka idibala, ka wela fa fatshe ka sefatlhego.
10 Ka utlwa seatla se nkama; sa nthusa ka tsamaya ka mangole le diatla ke theekela.
11 A nthaya a re: “Daniele, wena monna yo o ratiwang, ela mafoko tlhoko a ke tla a buang nao, o eme ka dinao, gonne ke romilwe kwa go wena.” Ya re a bua lefoko leo le nna, ka ema ke roroma.
12 A ba a nthaya a re: “Se boife, Daniele, gonne mafoko a gago a utlwilwe go tloga ka letsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go ela tlhoko le go ikokobetsa fa pele ga Modimo wa gago, mme ke tlile ka ntlha ya mafoko a gago.
13 Mme molaodi wa bogosi jwa Peresia a emelana le nna malatsi a le 21; ke fa Migaele, mongwe wa balaodi ba bagolo, a tla go nthusa; ka mo tlogela teng le molaodi wa bogosi jwa Peresia.
14 Mme ke tlile go go lemosa se se tla dirafalelang morafe wa ga eno mo malatsing a bofelo. Gonne pono eo le yona e lebile malatsi a bofelo.”
15 Ya re a bua mafoko a a ntseng jalo le nna, ka lebisa sefatlhego fa fatshe, ka fetoga semumu.
16 Ka ba ka bona sengwe, e kete ke motho, a ama molomo wa me; ka ba ka itse go bula molomo wa me, ka bua, ka raya yo o emeng fa pele ga me ka re: “Morena wa me, dipitlagano tsa me di boetse gape mo go nna ka pono; ga ke tlhole ke na le thata.
17 Motlhanka wa Morena wa me yo o kanyana ka nna, a ka kgona jang go bua le Morena wa me yo o kana ka wena! Gonne ga go tlhole go na le thata epe mo go nna; ga go a sadisiwa mowa ope mo go nna.”
18 Ke fa sele se e keteng ke motho se nkama gape, se ntiisa
19 se re: “Se boife, wena monna yo o ratiwang! A kagiso e nne nao! Gomotsega o tie!” Ya re se bua jalo le nna, ka tia ka re: “A morena wa me a bue, gonne o ntiisitse.”
20 A ba a mpotsa a re: “A o itse gore ke tletseng kwano go wena? Jaanong ke tla boa go ya go lwa le molaodi wa Peresia. Mme e tla re ke sena go fetsa nae, go tle molaodi wa Gerika.
21 Fela ke tla go itsise se se kwadilweng mo lokwalong lwa boammaaruri. Ga go na ope yo o itshupang a tiile, a goga le nna go tlhabana le bale fa e se Migaele, molaodi wa lona.