Diane tsa mefutafuta tsa ga Salomo
1 Diane tsa ga Salomo. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmaagwe.
2 Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.
3 Morenaga a bolaise mosiami tlala, mme keletso ya moikepi o e kgoromeletsa kwa morago.
4 Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlhaga di a humisa.
5 Ngwana yo o maatlametlo o phutha dijo selemong. Yo o robalang go kotulwa ke yo o tlhabisang ditlhong.
6 Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.
7 Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela.
8 Yo o pelo e botlhale o amogela ditaolo, mme yo o molomo o bosilo o tla digwa.
9 Yo o sepelang ka boitekanelo o tsamaya a le mo tshireletsong; yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla lemogiwa.
10 Yo o tswitlang ka leitlho o tsisa bohutsana; mme yo o kgalemelang molato a sa tshabe motho o dira kagiso.
11 Molomo wa mosiami ke motswedi wa bophelo; mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.
12 Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe.
13 Go fitlhelwa botlhale mo molomong wa motlhalefi, mme thupa e tshwanetse motlhana wa yo o se nang tlhaloganyo.
14 Ba ba botlhale ba ipolokela kitso, mme molomo wa seeleele o atametsa tlalelo.
15 Tse mohumi o nang natso ke motse o o thata wa gagwe; mme tatlhego ya ba ba botlana ke khumanego ya bone.
16 Tse mosiami o di itiretseng di a mo phedisa; tse moikepi o di bonang di a mo leofisa.
17 Yo o elang kotlo tlhoko o mo tseleng e e yang mo bophelong; mme yo o tlhokomologang kgalemelo o a timela.
18 Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo.
19 Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale.
20 Loleme lwa mosiami ke selefera e e tlhaotsweng; tlhaloganyo ya moikepi ga se ya sepe.
21 Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo.
22 Tshegofatso yaMorenake yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.
23 Go dira tse di tlhabisang ditlhong go kgatlha seeleele; mme monna yo o nang le tlhaloganyo o kgatlhwa ke botlhale.
24 Se moikepi o se tshabang se tla mo wela; se basiami ba se eletsang Modimo o tla se ba naya.
25 E a re fa ledimo le feta, moikepi a ye le lone; mme mosiami o theilwe mo motheong o o sa khutleng.
26 Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng.
27 Go boifaMorenago oketsa malatsi a bophelo; mme dinyaga tsa baikepi di tla fokodiwa.
28 Tsholofelo ya basiami e isa mo boitumelong; tse baikepi ba di letileng di a nyelela.
29 Tsela yaMorenake phemelo ya morapedi, mme e isa badiri ba boithamako mo tatlhegong.
30 Mosiami ga a kitla a reketla ka bosakhutleng, mme baikepi ga ba kitla ba nnela ruri mo lefatsheng.
31 Molomo wa mosiami o tlhogisa botlhale, mme loleme lwa bolotsana lo tla kumolwa.
32 Molomo wa mosiami o itse tse di natefang; melomo ya baikepi e itse tsa bolotsana fela.