1 Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsaMorena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.
2 Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mmeMorenaene o sekaseka dipelo.
3 Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlhaMorenabogolo go setlhabelo.
4 Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.
5 Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela.
6 Go batla mahumo ka loleme lwa maaka ke go latela boithamako jo bo isang losong.
7 Go gatelela ga baikepi go a ba golafatsa, gonne ba gana go dira tse di siameng.
8 Tsamao ya monna yo o molato e masokasoke, mme yo o phepa tiro ya gagwe e siame.
9 Go nna mo sekhutlong godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang.
10 Pelo ya moikepi e eletsa bosula; ga a tlhomogele mongwe-ka-ene pelo.
11 Go otla mosotli ke go tlhalefisa yo o iseng a tlhalefe; mme letlhale le amogela kitso, fa le rutwa fela.
12 Yo o leng tshiamo o tlhokomela ntlo ya moikepi; o digela baikepi mo tatlhegong.
13 Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.
14 Mpho ya sephiri e tima bogale; thelesetso kobong e tima kgakalo e kgolo.
15 Ke boitumelo jwa mosiami, fa go dirwa ka tshiamo; mme mo go ba ba dirang tsa bolotsana ke therego.
16 Motho yo o fapogang mo tseleng ya tlhaloganyo o tla akofa a lala mo phuthegong ya baswi.
17 Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma.
18 Serekololo sa mosiami ke moikepi; mo boemong jwa ba nnete go tla molotsana.
19 Go botoka go nna mo lefatsheng la sekaka bogolo go go nna le mosadi yo o omanang yo o ngongoregang ka metlha.
20 Khumo e ntlentle le lookwane di mo lapeng la yo o botlhale, mme motho yo o bosilo o a di senya.
21 Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego.
22 Letlhale le fenya motse wa bagale; le diga phemelo e ba neng ba e ikanya.
23 Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.
24 Yo o ikgantshang, yo o ikgogomosang, leina la gagwe ke mosotli; o dira ka boikgantsho jo bo se nang tekanyo.
25 Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira.
26 Yo o pelotshetlha o eletsa letsatsi lotlhe, mme mosiami o a fa, ga a timane.
27 Setlhabelo sa moikepi ke mailaMoreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula.
28 Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng.
29 Moikepi o sefatlhego se matepe, mme wa nnete o siamisa tsamao ya gagwe.
30 Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tseMorenaa ka kgonwang ka tsona.
31 Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa moMoreneng.