1 Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso.
2 Fa basiami ba ntsifala, morafe o a itumela; fa baikepi ba busa, morafe o a fegelwa.
3 Monna yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe; mme yo o kopanang le diaka o fetsa dithoto tsa gagwe.
4 Kgosi e phedisa lefatshe sentle ka tshiamo, mme yo o kgethisang batho go feta tekanyo o a le tubaka.
5 Monna yo o buang mafoko a a borethe le mongwe-ka-ene o ngamolela dinao tsa gagwe serai.
6 Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile.
7 Mosiami o itse tse di tshwanetseng ba babotlana, mme moikepi ga a di lemoge, ga a di itse.
8 Basotli ba tsosa moferefere mo motseng, mme ba ba botlhale ba tima bogale.
9 Fa motlhalefi a seka le lesilo, le tla tlhodia le tshega, mme go se na boikhutso.
10 Banna ba ba tshololang madi ba tlhoa mmoifi-Modimo; ba batla go bolaya ba e leng ba nnete.
11 Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago.
12 Mmusi yo o utlwelelang mafoko a maaka, badiredi ba gagwe ke baikepi fela.
13 Mohumanegi le mogateledi ba a kgatlhana;Morenao sedimosa matlho a bobedi jwa bone.
14 Kgosi e e direlang ba babotlana tse di ba tshwanetseng ka boikanyo, sedulo sa yona sa bogosi se tla tlhomama ka bosakhutleng.
15 Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
16 Fa baikepi ba ntsifala, go ntsifala maleo, mme basiami ba tla bona tatlhego ya bone, ba itumela.
17 Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo.
18 Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao.
19 Motlhanka ga a siamisiwe ka mafoko; le fa a a tlhaloganya, ga a a kgathalale.
20 Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.
21 Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe.
22 Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi.
23 Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.
24 Yo o jang le legodu o a itlhoa; o utlwa go rogakwa yo o sa begeng legodu, mme ga a le bege.
25 Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyangMorenao tla femelwa.
26 Ba bantsi ba batla sefatlhego sa mmusi, mme tshiamelo ya motho e tswa moMoreneng.
27 Yo o dirang ka tshiamololo o ilwa ke basiami; wa tsamao ya nnete o ilwa ke moikepi.