Mosola wa botlhale
1 Banaka, utlwang thuto ya ga rraeno, lo ele tlhoko gore lo lemoge tlhaloganyo!
2 Gonne ke lo naya thuto e e molemo; se tlogeleng molao wa me!
3 E rile ke nna le rre ke le mosimane, ke le tlekeetso, ke le ngwana-o-esi wa ga mme,
4 rre a nthuta a nthaya a re: “Pelo ya gago a e tshole mafoko a me; boloka ditaolo tsa me, foo o tla phela.
5 Batla botlhale, batla tlhaloganyo; se di lebale, se fapoge mo mafokong a molomo wa me.
6 Se bo tlogele, bo tla go disa; bo rate, bo tla go boloka!
7 Botlhale bo phala dilo tsotlhe, ka moo he: Batla botlhale! ntsha tsotlhe tse o di ruileng, o reke tlhaloganyo.
8 Bo godise, bo tla go godisa; bo tla go tlotla, fa o bo tlamparela.
9 Bo tla rwesa tlhogo ya gago serwalo se sentle; bo go naya mokgabo wa serwalo sa bogosi.”
10 Ngwanaka, reetsa o amogele mafoko a me, foo dinyaga tsa bophelo di tla go ntsifalela.
11 Ke go ruta tsela ya botlhale, ke go tsamaisa mo metlhaleng ya nnete.
12 Fa o tsamaya, dikgato tsa gago ga di nke di khutshwafadiwa; fa o siana, ga o nke o kgotšwa.
13 Kgomarela thuto. O se ka wa e lesa. E boloke. Gonne yona ke bophelo jwa gago.
14 Se wele mo tseleng ya baikepi, o se sepele ka mokgwa wa ba ba bosula.
15 E tlhokomologe, se tsamae mo go yona; fapoga mo go yona, o iphetele.
16 Gonne ga ba robale ba ise ba senye; ba tlhoka boroko, fa ba ise ba dige motho.
17 Gonne ba ja bogobe jwa boikepo, ba nwa weine ya dikgatelelo.
18 Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.
19 Mme tsela ya baikepi e tshwana le lefifi; ga ba itse gore ba tla kgotšwa ke eng.
20 Morwaaka, reetsa mafoko a me, sekegela dipolelo tsa me tsebe.
21 A di se tloge mo matlhong a gago; di boloke mo pelong ya gago.
22 Gonne di phedisa ba ba di bonang; di ba fodisa mmele otlhe.
23 Disa pelo ya gago bogolo go tsotlhe tse di ka disiwang; gonne bophelo bo tswa mo go yona.
24 Bolotsana jwa molomo bo tlose mo go wena; tsietso ya loleme e katologanye nao.
25 A matlho a gago a lebelele kwa pele! A dintshi tsa matlho a gago di lebe tse di fa pele ga gago.
26 Lolamisa motlhala wa dinao tsa gago. A ditsela tsotlhe tsa gago e nne tse di laotsweng.
27 Se fapogele ntlheng ya le le jang, le fa e le ya la molema; tshabisa maoto a gago bosula.