Poko ya botlhale
1 A botlhale ga bo kue?
A tlhaloganyo ga e tlhatlose
lentswe la yona?
2 Bo eme mo mebotong
e e okameng tsela
le mo makgabaganong
a ditselana.
3 Bo kua fa thoko
ga dikgoro tsa motse;
fa pele ga dikgorwana
bo kuela godimo bo re:
4 “Heelang banna!
Ke bitsa lona;
lentswe la me le raya lona
bana ba batho.
5 Lona ba lo sa tlhalefang
ithuteng botlhale;
lona masilo,
ithuteng tlhaloganyo!
6 Utlwang, gonne ke tla bolela
dikgang tota,
ke tumolola molomo
go bua tse di siameng.
7 Ee, magalapa a me
a bua nnete,
mme dipuo tsa boikepo
ke maila mo go nna.
8 Mafoko otlhe a molomo
wa me a siame;
ga go na bolotsana
le fa e le tshokamo mo go ona.
9 A utlwala sentle fela otlhe
mo go yo o a tlhaloganyang;
yo o bonyeng kitso a re:
Ke a nnete.
10 Amogelang kgalemelo ya me,
mme e seng selefera;
le kitso bogolo go gouta
e e tlhaotsweng.
11 Gonne botlhale bo molemo
bogolo go dibaga tsa korale;
dilo tse dintle tsotlhe
ga di lekane najo.
12 Nna Botlhale ke tlwaelanye
le Tlhaloganyo;
kitso le kelelelo ke na natso.
13 Go boifaMorena
ke go ila bosula.
Ke tlhoile boikgogomoso
le boikgodiso
le tsamao e e bosula
le molomo o o bolotsana.
14 Kgakololo le botswerere
di mo go nna;
ke na le kutlwisiso le thata.
15 Dikgosi di busa ka nna;
beng ba thata ba baya melao
e e siameng ka nna.
16 Dikgosana di laola ka nna,
le batlotlegi le baatlhodi
botlhe ba lefatshe.
17 Ke rata ba ba nthatang;
ba ba mpatlang ka tlhoafalo
ba tla mpona.
18 Khumo le tlotlo di mo go nna
le leruo le le tlhomameng
le tshiamo.
19 Leungo la me le gaisa gouta,
ee, gouta e e itshekileng;
se ke se ruisang motho
se phala selefera
e e tlhaotsweng.
20 Ke sepela mo tseleng
ya tshiamo,
ke tsamaya ditselana
tsa molao fa gare
21 gore ke jese banthati
boswa jo bo tlhomameng,
ke ba tlaletse matlo
a mahumo.
22 Morenao ntirile
mo tshimologong
ya ditsela tsa gagwe,
ka nna wa ntlha wa ditiro
tsa gagwe bogologolo.
23 Ke sa le ke tlholwa kgale
mo tshimologong
pele ga metlha ya lefatshe.
24 E rile go se na mawatle,
go se na metswedi
e e tletseng metsi, ka tsalwa.
25 Ya re dithaba di ise di theiwe,
dithota di ise di nne teng,
ka tsalwa.
26 Ke faMorenaa ise a dire
lefatshe le dinaga
le fa e le tshimologo
ya mebu ya lefatshe.
27 Ya re a ala legodimo,
ka bo ke le gona;
ya re a tlhoma tikologo
ya loapi
mo godimo ga mawatle
28 ya re a bofelela maru
kwa godimo,
ya re a tswedisa metswedi
ya mawatle thata,
29 ya re a beela lewatle
molelwane wa lone
gore metsi a se ka a tlola taolo
ya gagwe
ya re a baya metheo
ya lefatshe,
30 ka bo ke na nae ke le ngwana
ka itumela ka letsatsi
le letsatsi,
ka nna ka tshameka fa pele
ga gagwe ka metlha yotlhe.
31 Ka tshanoka mo tikologong
ya lefatshe la gagwe,
ka itumelela baba ba batho.
32 Ka moo he, nkutlweng,
bomorwaaka;
go tlhogonolo ba ba sepelang
mo ditseleng tsa me.
33 Utlwang thuto, lo tlhalefe;
lo se ka lwa e tlhokomologa.
34 Go sego motho yo o nkutlwang,
a leta fa dikgorong tsa me
ka malatsi otlhe,
a disa mepakwana
ya mejako ya me.
35 Gonne yo o mponang
o bona bophelo,
a itumelelwa keMorena.
36 Mme yo o mphosang
o a itshenyetsa ka esi;
botlhe ba ba ntlhoileng
ba rata loso.”