DILELO 1

Jerusalema yo o sentsweng o a lelelwa

1 Ao! O ntse jang o le osi

motse o o neng o tletse batho!

Mohumagadi wa ditšhaba

o tshwana le motlholagadi;

kgosi ya sesadi ya mafatshe

e fetogile lelata!

2 O lala a lela ka bogalaka,

dikeledi di mo ela marameng.

Ga a na yo o mo gomotsang

mo go botlhe ba ba mo ratileng.

O tlogetswe ke ditsala tsotlhe;

di mo fetogetse baba.

3 Juta o faletse dipogong ka ntlha

ya botlhanka jo bo setlhogo.

A ya go nna ditšhabeng,

a tlhoka boikhutso.

Babogisi botlhe ba gagwe

ba mo tshwere,

a le mo pitlaganong.

4 Ditsela tse di yang Sione

di senya,

ga go na ba ba yang

kwa moletlong.

Go sentswe dikgoro tsotlhe

tsa gagwe,

baperesiti ba gagwe ba a fegelwa.

Makgarebe a gagwe

a mo botlhokong,

ene o ikutlwa bogalaka.

5 Baba ba gagwe ba a mmusa,

dira tsa gagwe di mo boiketlong.

Gonne o otlilwe keMorena

ka ntlha ya maleo a gagwe

a magolo.

Bana ba gagwe

ba ile botshwarong,

ba etelela mogateledi pele.

6 Kgalalelo yotlhe ya gagwe

e timeletse morwadia Sione.

Dikgosana tsa gagwe di tshwana

le ditholo

tse di sa boneng mafulo.

Tsa tsamaya di lapile,

di latelwa ke mmogisi.

7 Ka malatsi a dipogo

le a botshwaro

Jerusalema o gakologelwa

dilo tsotlhe tsa gagwe

tse di ntle tsa bogologolo,

jale fa morafe wa gagwe

o wela diatleng tsa mmaba,

go se na yo o o thusang;

baba ba ntse ba lebile,

ba o tshega ka ntlha ya tatlhego

ya ona.

8 Jerusalema a leofa thata,

ke ka moo a fetogang maila.

Ba ba mo tlotlileng

ba mo nyatsa botlhe,

ka ba mmonye a sa ikatega.

A fegelwa ka esi,

a nna fatshe a hulere.

9 Lesire la gagwe le maswe,

a sa gopole kwa go iwang teng;

a wa mo go boitshegang,

a se na mogomotsi.

“Pogo ya me e bone,Morena,

gonne mmaba o a ikgantsha.”

10 Mmaba o ntshitse diatla,

a tsaya tsotlhe tsa gagwe

tse di thata go bonwa;

gonne a bona baheitane ba tsena

Tempeleng ya gagwe,

ba o ba ileditseng go tsena

phuthegong ya gago.

11 Morafe otlhe wa gagwe

ke ba ba fegelwang,

ba batla dijo.

Ba ntshitse mahumo a bone

go reka bogobe,

ba tle ba duwe ke tlala.

“Leba,Morena, o bone:

Ruri, ke a nyatsega.”

12 “Heelang! Lona lotlhe,

bafeti tseleng, lebang tlhe,

lo bone:

A go teng botlhoko jaaka jwa me

jo bo ntirafaletseng

jo ke otlilweng keMorena

ka jona ka letsatsi la bogale

jo bo tukang jwa gagwe?

13 O rometse molelo

a le kwa legodimong,

wa ntsena marapong,

a nkgona jalo.

Maoto a me

o a thaisitse ka letloa,

a ntigela kwa morago;

a ntira sekaka,

a njesa bodutu malatsi aotlhe.

14 “Diatla tsa gagwe

di dirile joko ka maleo a me,

a logantswe;

ka ba ka e bewa molaleng,

ya mphetsa thata.

Morena o nneetse diatleng tsa

ba ke sa itseng go emelana nabo.

15 Dinatla tse ke neng ke na

natso,

Morena a di nyatsa tsotlhe.

Moletlo o o mpolayang a o kua,

wa tla go robaganya

masogana a me.

Morena a gata segatelo

sa lekgarebe, morwadia Juta.

16 “Ke tsona tse ke di lelelang;

leitlho la me,

leitlho la me le ela dikeledi.

Gonne mogomotsi o kgakala le nna,

yo o ka ntapolosang.

Go nyeleditswe bana ba me,

gonne thata ke ya mmaba.”

17 Sione a ntsha mabogo,

mme a tlhoka

yo o mo gomotsang.

Ba ba mo tikologong ya gagwe

ba biditswe keMorena

go lwa le Jakobe.

Jerusalema a fetoga tshotlego

mo gare ga bone.

18 “Morenaene o siame,

gonne ke ne ka ganetsa

molomo wa gagwe.

Lona ditšhaba tsotlhe, utlwang!

Bonang matlhoko a me!

Makgarebe a me le makau a me

a ile botshwarong.

19 Ke biditse ba ba neng

ba nthata,

mme ba ne ba nkaketsa.

Baperesiti ba me le bagolo ba me

ba swetse mo motseng,

jale fa ba ipatlela dijo,

ba re ba intsha tlala,

mme ba sa di bone.

20 “Morena,

mpone ke le tlalelong,

maikutlo a me a a huduega.

Pelo ya me e pitikologile

mo teng ga me,

ka ke ne ke ganetsa thata.

Tšhaka ya nkamoga bana

mo mmileng le leroborobo

mo ntlong.

21 Utlwa ke fegelwa,

ke se na mogomotsi.

Tatlhego ya me baba botlhe

ba me ba a e itse,

ba a thaba ba re:

go dirile wena.

Tlisa letsatsi leo o le begileng

gore ba dirafalelwe

ke tse di ntletseng.

22 Dibe tsa bone tsotlhe

a di tle fa pele ga gago,

o ba direle tse o di ntiretseng

ka ntlha ya maleo otlhe a me.

Ka gonne diphegelo tsa me

di dintsi,

go lwala pelo ya me.”