DILELO 5

Selelo se khutla ka thapelo

1 Gakologelwa,Morena,

tse di re tletseng!

Leba ò bone kgobego ya rona!

2 Naga ya ga etsho e tserwe

ke baeng;

ba ditšhaba di sele

ba nna mo matlong a rona.

3 Re fetogile masiela,

re se na rraarona;

e kete bommaarona

ke batlholagadi.

4 Metsi a rona re a nwa

re a lefetse ka madi;

dikgong tsa rona

re di bona ka go reka.

5 Ba ba re lateletseng

ba mo thamong tsa rona;

fa re lapile, ga re na go ikhutsa.

6 Re neelanye diatla le Baegepeto

le Baasiria

gore re tle re kgore bogobe.

7 Borraetsho ba leofile,

mme ga ba tlhole ba le teng;

ke rona ba re rweleng dipetso

tsa melato ya bone.

8 Batlhanka ba a re busa,

ga go na yo o re gololang

mo diatleng tsa bone.

9 Dijo tsa rona re di tseela gae

re le mo kotsing ya go bolawa;

re tshaba tšhaka

ya baagi ba sekaka.

10 Letlalo la rona le tuka bolelo

jaaka sebeso

ka ntlha ya mogote wa tlala.

11 Go tlotlolotswe basadi mo Sione

le makgarebe

mo metseng ya Juta.

12 Dikgosana di pegilwe,

tsa kgangwa ke megala ya bone;

go sa tlotlwe banna bagolo.

13 Makau a na le go kuka lolwala;

basimane ba wa ba imetswe

ke dikota.

14 Banna bagolo

ga ba tlhole ba ya lekgotleng;

makau a khutlile

go letsa dirankure.

15 Boitumelo jwa dipelo tsa rona

bo fedile;

dipina di re fetogetse bohutsana.

16 Serwalo sa bogosi

se ole mo ditlhogong tsa rona.

A tatlhego ya rona wee,

ka re leofile!

17 Tse di re lwatsang dipelo

le go fifatsa matlho a rona

18 ke tsa thaba ya Sione

e e fetogileng marope,

e diphokojwe di sianang

mo go yona.

19 WenaMorena

o ntse o busa ka bosakhutleng;

sedulo sa bogosi sa gago

se tlhomame mo ditshikeng tsotlhe.

20 Ke ka ntlhaang,

fa o re lebalela ruri,

o re tlogela sebaka se seleele?

21 Morena, re busetse

kwa go wena

gore re tle re tlhabologe;

ntšhwafatsa malatsi a rona

jaaka gale!

22 Kampo a o re latlhetse ruri?

A o re galefetse thata thata?