DIPESALOME 10

Thapelo ya gore Modimo o thuse kgatlhanong le boikgodiso jwa baba

1 Morena, o emetseng kgakala,

o iphitlhetseng

mo metlheng ya pitlagano?

2 Motlalelwi o pitlagantswe

ka ntlha ya boikgantsho

jwa baikepi.

A ba tshwarwe ke maano

a ba a logileng a boferefere.

3 Gonne moikepi o ikgantsha

ka keletso ya gagwe;

mmapadi wa tsietso o tshegofatsa

ke go re o kgalaMorena.

4 Moikepi,

mo boikgodisong jwa

gagwe ga a batle Modimo;

o ithaya a re:

“Ga go na Modimo.”

Ke yona megopolo yotlhe

ya gagwe.

5 Ditsela tsa gagwe di na le

botswelelopele ka gale,

dikatlholo tsa gago di kwa

godimodimo, kgakala le ena;

baganetsi botlhe ba gagwe

o a ba budula.

6 Mo pelong ya gagwe

o ithaya a re:

“Ga ke na go tshikinyega,

ke mongwe yo ke se kitlang

ke wela mo tlalelong

go ya bokhutlong.”

7 Molomo wa gagwe o tletse

khutso le tsietso le patiko;

fa tlase ga loleme lwa gagwe

go na le letshwenyo le tshenyo.

8 O bataletse

mo talelong ya metse;

yo o se nang molato

o mmolaela mo sephiring;

matlho a gagwe a tlhomilwe

mo go yo o tlhokang

letlhogonolo.

9 O lalela mo sephiring

jaaka tau mo sekhung sa yona,

o laletse mmogisegi

gore a mo tshware;

o tshwara motlalelwi ka go mo

goga ka letloa la gagwe.

10 O a boba, a batalale,

mme ba ba tlhokang letlhogonolo

ba wele mo maroong a gagwe.

11 O ithaya mo pelong a re:

“Modimo o lebetse,

o ipipile sefatlhego,

ga o kitla o go bona ka gope.”

12 Morena, nanoga, Modimo,

tsholetsa letsogo,

se lebale batlalelwi!

13 Kana moikepi

o kgalelang Modimo,

a ithaya mo pelong a re:

“Ga o ne o busolosa”?

14 Wena o bonye;

gonne o lebile tapisego

le tshwenyego

gore di beiwe mo seatleng sa gago.

Yo o itlhokang o di neetse wena,

o mothusi wa dikhutsana.

15 Robaganya letsogo la moikepi;

yo o bosula

o busolose boikepo jwa gagwe,

gore o se ka wa tlhola o bo bona.

16 Morenake Kgosi ka gale

le ka bosakhutleng,

baheitane ba nyeletse

mo lefatsheng la gagwe.

17 Morena,

o utlwile keletso ya baikokobetsi,

o tiisa dipelo tsa bone,

o tlhwaya tsebe go utlwa,

18 go tla o siamisetsa khutsana

le mopatikwi,

gore motho wa lefatshe

a se ka a tlhola a ba tlhorisa.