DIPESALOME 101

Boitsholo jwa kgosi

1 Pesalome ya ga Dafita.

Ke tla opela

ka ga bopelonomi le tshiamo,

ke opelela wenaMorena.

2 Ke tla tlhokomela tsamao

e e thokgameng.

O tla tla leng kwano go nna?

Ke tla sepela ka pelo e e phepa

mo lapeng la me.

3 Ga nke ke lesa matlho a me

go leba dilo tse di bosula.

Ke tlhoile go dira ga baikepi;

ga go nke go nkgomarela.

4 Pelo e e sokameng e tshwanetse

go tloga mo go nna;

bosula ga ke rate go bo itse.

5 Yo o sebang mongwe-ka-ene

mo sephiring

ke tla mo didimatsa.

Yo o matlho a boikgodiso

le pelo ya boikgogomoso

ga nka ke ka mo itshokela.

6 Matlho a me a tla leba

baikanyegi ba lefatshe

gore ba phele le nna.

Ena yo o tsamayang mo tseleng

e e thokgameng o tla ntirela.

7 Yo o dirang ka tsietso ga a nke

a nna mo teng ga ntlo ya me;

yo o buang maaka ga a nke a ema

fa pele ga matlho a me.

8 Mo mosong mongwe le mongwe

ke tla nyeletsa baikepi botlhe

mo lefatsheng;

mo motseng waMorena

ke bolaela ruri badiradibe botlhe.