DIPESALOME 102

Thapelo ya boikwatlhao

1 Thapelo ya motlalelwi, a itlhobogile, mme a tshololela selelo sa gagwe fa pele gaMorena.

2 Morena, utlwa thapelo ya me;

a go lelela thuso ga me go fitlhe

kwa go wena!

3 Se mphitlhele sefatlhego sa gago

mo motlheng

o ke leng mo pitlaganong ka ona;

ntshekegele tsebe

motlhang ke bitsang,

o nkutlwe ka bonako.

4 Gonne malatsi a me a nyelela

jaaka musi;

marapo a me a tuka molelo

jaaka serumola.

5 Pelo ya me e iteilwe, e swabile

jaaka tlhaga,

ka ba ka lebala go ja sejo sa ka.

6 Marapo a me a kgomaretse nama

ya me

ka ntlha ya go duma ga me

mo go thata.

7 Ke tshwana le kokolofute

a le mo sekakeng;

ke ntse jaaka morubisi

o o nnang mo matlotleng.

8 Ga ke bone boroko;

ke lela jaaka serobele

se se sosi mo setlhoeng sa ntlo.

9 Baba ba me ba tlhola ba nkgoba;

ba ba nkgakaletseng

ba hutsa ka leina la me.

10 Gonne ke ja molora jaaka bogobe;

seno sa me

ke se tlhakanya le dikeledi

11 ka ntlha ya kgalefo ya gago

le kgakalo ya gago;

gonne o ntsholeditse,

wa ntatlhela fa fatshe.

12 Malatsi a me a tshwana le moriti

o moleele wa maitsiboa,

ke swaba jaaka tlhaga.

13 Mme wena,Morena,

o tla nnela ruri,

le segopotso sa gago

se tla nna mo tshikatshikeng.

14 Wena o tla nanoga,

o utlwela Sione botlhoko;

gonne ke nako

ya go mo itshwarela;

nako e e beilweng e tsile.

15 Gonne batlhanka ba gago

ba rata majwe a gagwe,

ba utlwa botlhoko,

ka a thubakilwe.

16 Mme ditšhaba di tla boifa

leina la gago,Morena,

le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe

di tla boifa kgalalelo ya gago.

17 GonneMorenao aga Sione,

o bonwa mo kgalalelong ya gagwe.

18 O retologetse thapelo

ya yo o sa aparang;

ga a nyatse dithapelo tsa bona.

19 Dilo tse, a di kwalelwe

losika lo lo tlang;

a batho ba ba tla tlholegang

ba bokeMorena.

20 Gonne o lebile kwa tlase

a le kwa bogodimong

jo bo boitshepo jwa gagwe;

Morenao lebile lefatshe

a le mo legodimong

21 gore a utlwe

diphegelo tsa bagolegwi,

le gore a golole

ba ba atlholetsweng loso

22 gore ba bolele leina laMorena

mo Sione

le poko ya gagwe mo Jerusalema,

23 fa merafe yotlhe e phuthega,

le magosi go direlaMorena.

24 O koafaditse thata ya me

mo tseleng,

a khutshwafatsa malatsi a me.

25 Mme ka re: “Modimo wa me,

se ntlose mo gare ga malatsi a me;

dinyaga tsa gago ke tsa

tlhatlologano ya ditshika.”

26 O sa le o thaya lefatshe bogologolo,

wa dira magodimo

ka diatla tsa gago.

27 Tseo di tla nyelela, wena o tla sala;

ee, di tla onala tsotlhe

jaaka seaparo;

o tla di ananya jaaka kobo;

mme di tla nyelela.

28 Mme wena o sa le ena,

dinyaga tsa gago ga di nke di fela.

29 Bana ba batlhanka ba gago

ba tla aga,

losika lwa bona lo tla tlhomama

fa pele ga gago.