Ditiro tse Modimo o di diretseng Baiseraele
1 LebogangMorena,
lo bitse leina la gagwe;
lo itsise ditiro tsa gagwe
mo merafeng!
2 Mo opeleleng, lo mo leletse,
lo bolele dikgakgamatso tsotlhe
tsa gagwe!
3 Belafalang ka leina la gagwe
le le boitshepo;
a go itumele dipelo
tsa ba ba batlangMorena!
4 Botsang ka gaMorena
le ka ga thata ya gagwe;
lo batle sefatlhego sa gagwe
ka gale.
5 Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe
tse a di dirileng,
le ditshupo tsa gagwe le dikatlholo
tsa molomo wa gagwe,
6 lona losika lwa ga Aborahame,
motlhanka wa gagwe;
lona bomorwa Jakobe,
baitlhaolelwi ba gagwe!
7 EnaMorenake Modimo wa rona;
dikatlholo tsa gagwe
di mo lefatsheng lotlhe.
8 O gopola kgolagano ya gagwe
ka gale,
e bong lefoko le a le laetseng
ditshika tse kete.
9 Kgolagano e o e dirileng
le Aborahame
le ikano e o e ikanetseng Isaka,
10 a e tlhomamisetsa Jakobe
go nna molao le Iseraele
go nna kgolagano e e sa khutleng,
11 fa a re: “Wena ke tla go naya
lefatshe la Kanana
gore e nne kabelo
ya boswa jwa lona,”
12 jale fa palo ya bona
e sa ntse e le nnye,
mme e le ba se kae,
e bile ba le baeng mo go lone,
13 ba tlhatlologanya dinageng,
ba tswa setšhabeng
ba ya setšhabeng,
ba tlogela bogosi bongwe,
ba ya kwa morafeng o mongwe.
14 A se ka a leseletsa motho ope
go ba gatelela;
le gona a betsa dikgosi
ka ntlha ya bona a re:
15 “Se ameng batlodiwa ba me,
lo se direle baporofeti ba me
bosula.”
16 O kile a biletsa tlala mo lefatsheng,
a senya tlamelo yotlhe ya dijo.
17 A roma monna go ba etelela pele,
e bong Josefa,
a rekisiwa go nna motlhanka.
18 Ba tsenya maoto a gagwe
mo ditshiping,
a ya go lala ka esi mo dikeetaneng
19 go ya go dirafale lefoko la gagwe,
lefoko laMorenale mo supe
a le mo nneteng.
20 Kgosi ya roma go mmofolola,
mmusi wa merafe a mo golola.
21 Ya mo dira morena wa ntlo
ya yona le molaodi
wa tsotlhe tse e nang natso
22 gore a laole dikgosana tsa yona
ka fa a ratang ka teng
le go ruta bagolo ba yona botlhale.
23 Ke fa Iseraele a ya kwa Egepeto;
Jakobe a jaka mo lefatsheng
la ga Hame.
24 MmeMorena
a atisa morafe wa gagwe segolo,
a o thatafatsa
bogolo go baba ba ona.
25 O ne a ba tlhanola dipelo
gore ba tlhoe morafe wa gagwe,
ba direle batlhanka ba gagwe
ka bolotsana.
26 A roma Moše,
motlhanka wa gagwe,
le Arone
yo o neng a mo itlhaoletse.
27 Bao ba dira ditshupo tsa gagwe
mo go bona,
le dikgakgamatso
mo lefatsheng la ga Hame.
28 A romela lefifi, a fifatsa;
mme ba tlhokomologa
lefoko la gagwe.
29 A fetola metsi a bona madi,
a bolaya ditlhapi tsa bona.
30 Lefatshe la bone
la ba la tlalatlala digwagwa,
le mo matlwaneng
a dikgosi tsa bone.
31 A laela,
mme ga tla diboba le menang
mo nageng yotlhe ya bone.
32 A dira pula ya bone sefako,
a romela melelo ya dikgadima
mo lefatsheng la bone.
33 A itaya meweine ya bone
le mefeie ya bone,
a robaka ditlhare tsa naga ya bone.
34 A laela,
mme ga tla tsie ya segongwane
le molome e e se nang palo.
35 Ya ja botala jotlhe
mo lefatsheng la bone,
ya laila maungo a masimo a bone.
36 Le gona a itaya maitibolo otlhe
mo lefatsheng la bone,
e bong matsalwapele
a thata yotlhe ya bone.
37 Ke fa a ba hudusa
ba tshotse selefera le gouta,
go se masalela ape
mo ditsong tsa gagwe.
38 Baegepeto ba itumelela
khudugo ya bone,
gonne ba ne ba wetswe ke letshogo
ka ntlha ya bone.
39 O ne a phutholola leru
go nna tshireletso
le molelo go bonesa bosigo.
40 E rile ba lopa,
a tsisa maphurrwana,
a ba kgorisa senkgwe sa legodimo.
41 A phatlola lefika,
metsi a phothometsega,
a ela mo sekakeng jaaka noka.
42 Gonne o ne a gopola
lefoko la gagwe le le boitshepo,
le Aborahame,
motlhanka wa gagwe.
43 A bolotsa morafe wa gagwe
ka boitumelo
le baitlhaolelwi ba gagwe
ka tuduetso.
44 A ba naya mafatshe a ditšhaba
gore ba rue
tse merafe e di phuthileng
ka matsapa,
45 e le gore ba dirise ditaelo tsa gagwe
le go tlhokomela melao ya gagwe.
Haleluya!