Morena o tshiamo
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
Ke itiketsa kaMorena;
lo ka nthaya jang lo a re:
“Tshabela kwa thabeng
jaaka nonyane?
2 Gonne bona,
baikepi ba gagamatsa bora,
ba beile metsu ya bone
mo thapong ya jona,
gore e re ba le mo fifing,
ba tle ba hule
ba ba dipelo di boammaaruri.
3 Fa metheo e thujwa,
mosiami a ka dirang?”
4 Morenao mo Tempeleng ya gagwe
e e Boitshepo,
Morena,
yo sedulo sa gagwe sa bogosi
se leng mo legodimong.
Matlho a gagwe a bona lefatshe,
dintshi tsa matlho a gagwe
di keleka bana ba batho.
5 Morenao sekaseka mosiami
le moikepi;
mowa wa gagwe
o tlhoile yo o ratang kgatelelo.
6 O tla nesetsa baikepi magala;
molelo le sebabole le ledimo
le le bolelo
ke tsona senwelo sa bona
se ba se abetsweng.
7 GonneMorenao siame,
o rata ditiro tse di siameng.
Ba nnete
ba tla bona sefatlhego sa gagwe.