DIPESALOME 111

Poko ya ditiro tsa Morena

1 Haleluya!

Ke tla lebogaMorena

ka pelo yotlhe mo lekgotleng

la ba ba nang le nnete

le mo phuthegong ke re:

2 Ditiro tsaMorenake tse dikgolo,

di tlhotlhomisiwa ke botlhe

ba ba kgatlhwang ke tsona.

3 Tiro ya gagwe ke borena

le kgalalelo,

tshiamo ya gagwe e emetse ruri.

4 O dirile segopotso

sa dikgakgamatso tsa gagwe.

Morenao boitshwarelo

le boutlwelo-botlhoko.

5 Ba ba mmoifang o ba file dijo,

kgolagano ya gagwe

o e gopola ka bosakhutleng.

6 Thata ya ditiro tsa gagwe

o e itsisitse batho ba gagwe

ka go ba ruisa boswa

jwa Baditšhaba.

7 Ditiro tsa diatla tsa gagwe

di boammaaruri le tshiamo,

ditaelo tsa gagwe

di ikanyega tsotlhe;

8 di tlhomamiseditswe ruri

le ka bosakhutleng,

di tlhokomelwa ka boikanyo

le ka nnete.

9 Batho ba gagwe

o ba rometse kgololo;

o laetse kgolagano ya gagwe

go nna e e sa khutleng;

leina la gagwe le boitshepo,

le a tshabega.

10 Go boifaMorena

ke tshimologo ya botlhale;

mongwe le mongwe

yo o dirang jalo

o na le tlhaloganyo e e molemo.

Poko ya gagwe e nnetse ruri.