Lesego la yo o boifang Morena
1 Haleluya!
Go sego monna
yo o boifangMorena,
yo ditaolo tsa gagwe
di mo kgatlhang segolo.
2 Kokomana ya gagwe e tla nna
le thata e kgolo mo lefatsheng;
losika lwa ba ba nang le nnete
lo tla tshegofala.
3 Letlotlo le khumo
di mo ntlong ya gagwe,
tshiamo ya gagwe e nnela ruri.
4 Mosiami o bonegela
ba ba nang le nnete
mo lefifing jaaka lesedi,
a le boitshwarelo
le boutlwelo-botlhoko le tshiamo.
5 Go sego monna
yo o kutlwelo-botlhoko, a adimana;
yo o dirang tsa gagwe ka tshiamo.
6 Gonne ga a nke a theekela ka gope;
mosiami o tla nna
a gopolwa ka gale.
7 Ga a nke a boifisiwa
ke polelo e e bosula;
o iteile pelo ka lentswe
ka go ikanyaMorena.
8 Pelo ya gagwe e tlhomame,
ga a nke a boifa sepe
go ya a be a lebe
baba ba gagwe ka kgatlhego.
9 O gasagasetsa, batlhoki a ba fe.
Tshiamo ya gagwe e nnetse ruri;
lonaka lwa gagwe lo godisiwa
ka tlotlo.
10 Fa moikepi a bona jalo,
o a ngala, a phuranye meno,
a swabe.
Keletso ya moikepi e a nyelela.