DIPESALOME 113

Go baka Mogodimodimo yo o utlwelang ba babotlana botlhoko

1 Haleluya! Bakang,

lona batlhanka baMorena,

bakang leina laMorena!

2 A leina laMorenale bakwe

jaanong le ka bosakhutleng!

3 A leina laMorenale bakwe

go tswa kwa botlhabatsatsi

go ya kwa bophirimatsatsi!

4 Morenao okame ditšhaba tsotlhe,

kgalalelo ya gagwe

e kwa godimo ga magodimo.

5 Ke mang yo o tshwanang

leMorena, Modimo wa rona,

yo o agileng kwa godimo,

6 yo o lebelang legodimo le lefatshe

kwa tlase?

7 O tsosa yo mmotlana mo leroleng,

a nanose mohumanegi

mo thotobolong

8 gore a mmee fa batlotleging,

fa batlotleging ba morafe

wa gagwe;

9 o agisa moopa mo ntlong

go nna mma-bana yo o itumelang.

Haleluya!