Kgakgamatso ya pololo ya Baiseraele kwa Egepeto
1 E rile Iseraele a huduga
kwa Egepeto,
le ba lapa la ga Jakobe
mo morafeng wa puo e sele,
2 Juta a nna felo ga boitshepo
ga gagwe,
le Iseraele ga puso ya gagwe.
3 Lewatle le bonye jalo, la tshaba;
Joretane a boa ka morago.
4 Dithaba di ne tsa ja mokaragana
jaaka diphelehu le makgabana
jaaka dikwana.
5 Ke eng, wena lewatle, fa o tshaba,
le wena Joretane,
fa o kata ka morago?
6 Ke eng lona dithaba,
fa lo ja mokaragana
jaaka diphelehu,
le lona makgabana,
fa lo etsa dikwana?
7 Wena lefatshe,
roroma fa pele ga Morena,
fa pele ga Modimo wa ga Jakobe,
8 o o fetotseng lefika letsha la metsi
le legakwa motswedi wa metsi.