Kgalalelo ya Modimo wa nnete, le bosengsepe wa medimo ya diseto
1 Se nee rona,Morena,
se nee rona,
mme o nee leina la gago kgalalelo
ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa
gago le ka ntlha ya
boammaaruri jwa gago.
2 Baditšhaba ba tla buelang ba re:
“Kana Modimo wa bona o kae?”
3 Athe Modimo wa rona
o mo legodimong,
o dira tsotlhe
tse o ratang go di dira.
4 Medimo ya bona ya diseto
ke selefera le gouta,
ke tiro ya diatla tsa batho.
5 E na le melomo, mme ga e bue;
e na le matlho, mme ga e bone;
6 e na le ditsebe, mme ga e utlwe;
e na le dinko, mme ga e dupe;
7 e na le diatla, mme ga e tshware;
e na le dinao, mme ga e tsamae;
le gona ga e ntshe mosumo ope
ka memetso ya yona.
8 Badiri ba yona ba
tla nna fela jaaka yona,
le mongwe le mongwe
yo o e ikantseng.
9 A Baiseraele ba ikanyeMorena;
ke ena thuso le thebe ya bona.
10 A ba ntlo ya ga Arone
ba ikanyeMorena;
ke ena thuso le thebe ya bona.
11 A ba ba boifangMorena
ba ikanyeMorena;
ke ena thuso le thebe ya bona.
12 Morenao re gopotse,
o tla tshegofatsa;
o tla tshegofatsa Baiseraele,
a tshegofatsa ba lapa la ga Arone.
13 O tla tshegofatsa
ba ba boifangMorena,
bannye le bagolo.
14 Morenao tla lo atisa,
lona le bana ba lona.
15 Lo tshegofaditswe keMorena
yo o dirileng legodimo le lefatshe.
16 Legodimo ke legodimo laMorena,
mme lefatshe lone o le neile bana
ba batho.
17 Baswi ga ba bokeMorena,
le e seng ope wa bona ba ba
fologelang kwa tidimalong,
18 mme rona re bakaMorena
jaanong le ka bosakhutleng.
Haleluya!