Sefela sa tebogo sa go opelwa ke bontsi mo moletlong
1 LebogangMorena,
gonne o molemo;
gonne bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.
2 A Iseraele a bue a re:
“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.”
3 A boora Arone ba bue ba re:
“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.”
4 A ba ba boifangMorena
ba bue ba re:
“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.”
5 Ke ne ka bitsaMorena
ke le mo pitlaganong;
Morenaa nkaraba,
a mpaya mo go atlhameng.
6 Morenao ntlheng ya me,
ga nkitla ke boifa;
kana motho a ka ntirang?
7 Morenao ntlheng ya me,
ke mothusi wa me;
mme nna ba ba ntlhoileng
ke tla ba tlhaetsa matlho.
8 Go nna mo tshireletsong
yaMorena
go gaisa go ikanya batho.
9 Go nna mo tshireletsong
yaMorena
go gaisa go ikanya batlotlegi.
10 Baheitane botlhe
ba ne ba ntsentse gare;
mme ke ba remagantse
ka leina laMorena.
11 Ba ne ba mpotile ntlheng tsotlhe;
ee, ba ntikanyeditse;
mme ke ba remagantse
ka leina laMorena.
12 Ba ne ba ntikanyeditse
jaaka dintsi tsa dinotshe,
ba tuka jaaka molelo wa mitlwa;
mme ke ba remagantse
ka leina laMorena.
13 Ke ne ka kgaramediwa thata
gore ke we,
mmeMorenaa nthusa.
14 Morenake thata ya me
le sefela sa me sa pako,
o diregile pholoso ya me.
15 Lentswe la tuduetso le la pholoso
le mo matlong a basiami.
“Letsogo laMorenale le jang
le dira ditiro tsa bonatla.
16 Letsogo laMorenale le jang
le a godisa;
letsogo laMorenale le jang
le dira ditiro tsa bonatla.”
17 Ga ke ne ke swa,
mme ke tla phela,
ke bolela ditiro tsaMorena.
18 Morenao nkwatlhaile segolo,
mme ga a ka a nneela mo losong.
19 Mpuleleng dikgoro tsa tshiamo,
ke tle ke tsene ka tsona,
ke lebogeMorena.
20 Kgoro yaMorenake e;
basiami ba tla tsena ka yona.
21 Ke tla go leboga,
ka gonne o nkutlwile,
wa nna pholoso ya me.
22 Lentswe le le latlhilweng ke baagi
le diregile letlapa la sekhutlo.
23 Se ke se se dirilweng keMorena;
mme ke kgakgamatso mo matlhong
a rona.
24 Letsatsi le,
ke le le dirilweng keMorena;
a re ipeleng, re itumele ka lone.
25 AoMorena, a ko o thuse!
AoMorena, a ko o tsweletse pele!
26 A go bakwe yo o tlang
ka leina laMorena;
re lo tshegofatsa,
re le mo Ntlong yaMorena.
27 Morenake Modimo,
mme o re neile lesedi.
Bofang seruiwa sa tlhabelo
ya moletlo
ka dikgole gore se fitlhe
fa dinakeng tsa aletare.
28 O Modimo wa me, ke tla go baka;
o Modimo wa me, ke tla go godisa.
29 LebogangMorena,
gonne o molemo;
le bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.