DIPESALOME 119

Kgalaletso ya Lefoko la Modimo

1 Go sego bona ba ditsela tsa

bona di itekanetseng,

ba ba tsamayang ka fa molaong

waMorena.

2 Go sego ba ba tlhokomelang

ditshupo tsa gagwe,

ba ba mmatlang ka pelo yotlhe,

3 ee, bona ba ba sa direng

tshiamololo,

mme ba tsamaya mo ditseleng

tsa gagwe.

4 Ditaolo tsa gago o di ntshitse

gore di tlhokomelwe ruri.

5 E kete ditsela tsa me

di ka bo di tlhomame

go tlhokomela melao ya gago.

6 Foo nka bo ke sa tlhajwe

ke ditlhong,

fa nka bo ke tlhokomela

ditaelo tsa gago tsotlhe.

7 Ke tla go leboga

ka boammaaruri jwa pelo,

fa ke ithuta dithulaganyo

tse di siameng tsa gago.

8 Melao ya gago

ke tla e ela tlhoko.

A o ko o se ka

wa ntlogelela ruri.

9 Lekau le ka boloka bophepa

jwa tsela ya lone jang?

Ka go e lebanya le Lefoko

la gago.

10 Ke go batla ka pelo yotlhe;

se ntese ka fapoga ditaelo

tsa gago.

11 Ke bolokile Lefoko la gago

mo pelong ya me

gore ke se ka ka go leofela.

12 A go bakwe wena,Morena,

nthuta melao ya gago.

13 Ditao tsotlhe tsa molomo wa gago

ke di boletse ka molomo.

14 Ke itumelela tsela

ya ditshupo tsa gago

bogolo go mefutafuta ya dikhumo.

15 Ke tla akanya ditaolo tsa gago

ke ele ditselana tsa gago tlhoko.

16 Ke tla natefelwa ke melao ya gago,

ga nkitla ke lebala Lefoko la gago.

17 Ntirele molemo ke le motlhanka

wa gago gore ke phele,

ke tle ke boloke Lefoko la gago.

18 Mpudulola matlho

gore ke itse go bona dikgakgamatso

mo molaong wa gago.

19 Ke moeng mo lefatsheng;

o se ka wa mphitlhela

ditaelo tsa gago.

20 Mowa wa me o nyoretswe

ditao tsa gago ka gale.

21 O bôpetse baikgogomosi,

ba ba hutsitsweng

ba ba fapogang ditaelo tsa gago.

22 Pitikolola kgobo le nyatsego

mo go nna;

gonne ke tshegeditse

ditshupo tsa gago.

23 Le fa dikgosi

di nnetse go ntogela maano,

motlhanka wa gago

ena o akanya melao ya gago.

24 Ee, ditshupo tsa gago

di monate mo go nna,

di a nkgakolola.

25 Mowa wa me o kgomaretse lorole.

A o ko o mphedise

ka fa Lefokong la gago.

26 Ke boletse ditsela tsa me,

mme wa nkutlwa.

A o ko o nthute melao ya gago.

27 Ntlhaloganyetse tsela

ya ditaolo tsa gago,

mme ke tla akanya

dikgakgamatso tsa gago.

28 Mowa wa me o ntsha dikeledi

ka ntlha ya bohutsana,

nnamolola ka fa Lefokong la gago.

29 Tsela ya maaka

e beele kgakala le nna,

o ntlhogonolofatse

ka molao wa gago.

30 Tsela ya boammaaruri

ke yona ke e itlhophetseng,

ka baya ditao tsa gago

fa pele ga me.

31 Ke ngaparetse ditshupo tsa gago,

Morena,

a ke se tlhajwe ke ditlhong.

32 Ke taboga mo tseleng

ya ditaelo tsa gago;

gonne o oketsa pelo ya me.

33 Morena,

nthute tsela ya melao ya gago,

mme ke tla e tseela ruri

go ya bokhutlong.

34 Nnaya tlhaloganyo,

ke tle ke boloke molao wa gago,

ke o tlhokomele ka pelo yotlhe.

35 Ntsamaise mo tseleng

ya ditaelo tsa gago;

gonne e a nkgatlha.

36 Sekegela pelo ya me

kwa ditshupong tsa gago,

mme e seng kwa boikhumisong.

37 Faposa matlho a me

gore a se ka a leba tsa boithamako,

o mphedise mo ditseleng tsa gago.

38 Dirafaletsa motlhanka wa gago

tsholofetso ya gago

e e lebanyeng ba ba go boifang.

39 Tlosa mo go nna

kgobo e ke e tshabang;

gonne dikatlholo tsa gago di siame.

40 Ruri ke tlhologeletswe

ditaolo tsa gago.

Mphedise ka tshiamo ya gago.

41 A mapelotlhomogi a gago

a ntirafalele,Morena,

e bong pholoso ya gago

ka fa Lefokong la gago,

42 gore ke tle ke fetole ene

yo o nkgobang;

gonne ke ikanya Lefoko la gago.

43 Mme Lefoko la nnete o se ka wa le

tlosetsa ruri mo molomong wa me;

gonne ke lebeletse

dikatlholo tsa gago.

44 Foo ke tla nna ke tlhokomela

molao wa gago

ka gale le ka bosakhutleng.

45 Ke rata go sepela fa go atlhameng;

gonne ke batla ditaolo tsa gago.

46 Ke tla bua ka ga ditshupo tsa gago

fa pele ga dikgosi,

ke sa tlhajwe ke ditlhong.

47 Ke natefelwa ke ditaelo tsa gago

tse ke di ratang.

48 Ke tla tsholeletsa mabogo

kwa ditaelong tsa gago

tse ke di ratang,

ke akanya melao ya gago.

49 Gopola Lefoko le o le buileng

le motlhanka wa gago,

wa re ke se le lebale.

50 Ke yona kgomotso ya me

mo pogisegong ya me,

fa tsholofetso ya gago e mphedisa.

51 Baikgogomosi ba ntshotlile thata;

mme ga ke a ka ka fapoga

molao wa gago.

52 Ke ne ka gakologelwa dikatlholo

tsa gago tsa bogologolo,

Morena, ka ikgomotsa.

53 Ke ne ka tuka bogale

ka ntlha ya baikepi

ba ba tlogelang molao wa gago.

54 Melao ya gago

e mphetogetse difela

mo ntlong ya me ya boeng.

55 Ke lala ke gakologelwa

leina la gago,Morena,

ke tlhokomela molao wa gago.

56 Ga nna kabelo ya me,

ka ke tlhokometse ditaolo tsa gago.

57 Morenake kabelo ya me;

ke rile,

ke tla tlhokomela mafoko a gago.

58 Ke ne ke lelela sefatlhegong

sa gago ka pelo yotlhe;

ntlhomogele pelo

ka fa tsholofetsong ya gago.

59 Ke akantse metsamao ya me,

ka busetsa dinao tsa me

kwa ditshupong tsa gago.

60 Ka itlhaganela, ka se ka ka diega

go tlhokomela ditaelo tsa gago.

61 Megala ya baikepi e ntharile;

mme ga ke a ka ka lebala

molao wa gago.

62 Ke tsoga gare ga bosigo go go

galaletsa ka ntlha ya dikatlholo

tse di siameng tsa gago.

63 Ke monkane wa botlhe

ba ba go boifang,

le wa bona ba ba tlhokomelang

ditaolo tsa gago.

64 Morena, lefatshe le tletse

bopelonomi jwa gago.

Nthute melao ya gago.

65 Morena, o diretse

motlhanka wa gago molemo

ka fa Lefokong la gago.

66 Nthute bopelotheri le kutlwisiso

le kitso,

gonne ke dumela ditaelo tsa gago.

67 E rile ke ise ke kokobediwe,

ka timela;

mme jaanong ke tlhokometse

polelo ya gago.

68 O molemo, o bile o dira molemo;

nthute melao ya gago.

69 Baikgogomosi ba mpharile

ka maaka;

mme nna ke tlhokomela

ditaolo tsa gago ka pelo yotlhe.

70 Dipelo tsa bona di nonne,

ga di utlwe sepe;

mme nna ke kgatlhwa ke molao

wa gago.

71 Go ne go le molemo mo go nna

go kokobediwa

gore ke ithute melao ya gago.

72 Molao wa molomo wa gago,

mo go nna o gaisa dikete tsa gouta

le selefera.

73 Diatla tsa gago di mpopile

tsa mpaakanya.

Ntlhalefise gore ke ithute

ditaelo tsa gago.

74 Ba ba go boifang ba a mpona,

ba a itumela,

ka ke lebeletse Lefoko la gago.

75 Morena, ke a itse,

fa dikatlholo tsa gago di siame,

mme o nkwatlhaile ka boikanyo.

76 Tswetswe a bopelontle jwa gago

bo nkgomotse,

ka fa o solofeditseng

motlhanka wa gago ka teng.

77 A mautlwelo-botlhoko a gago

a mpharafare gore ke phele

gonne molao wa gago

ke boitumelo jwa me.

78 A baikgogomosi

ba tlhajwe ke ditlhong,

ka ba ntshiamololetse

ba se na lebaka;

mme nna ke tla akanya

ditaolo tsa gago.

79 A bona ba ba go boifang

ba boele kwa go nna,

le bona ba ba itseng ditshupo

tsa gago.

80 A pelo ya me e nne mo melaong

ya gago, e itekanetse,

gore ke se ka ka tlhajwa

ke ditlhong.

81 Mowa wa me o nyoretswe

pholoso ya gago;

ke lebeletse Lefoko la gago.

82 Matlho a me a tlhoafaletse

polelo ya gago a re:

“O tla nkgomotsa leng?”

83 Gonne le fa ke ntse jaaka lekuka

mo musing,

ga ke a ka ka lebala melao ya gago.

84 Malatsi a motlhanka wa gago

a kae?

Ba ba ntlhomereng

o tla ba atlhola leng?

85 Baikgantshi ba nkepetse mamena,

ba ba seng ka fa molaong wa gago.

86 Ditaelo tsotlhe tsa gago

di boammaaruri.

Ba mpogisa ka bomo; nthuse.

87 Ba batlile go nnyeletsa

mo lefatsheng;

mme nna ga ke a ka ka tlogela

ditaolo tsa gago.

88 A o ko o mphedise

ka fa bopelonoming jwa gago

gore ke tlhokomele tshupo

ya molomo wa gago.

89 Morena, Lefoko la gago

le eme ka tlhomamo

mo legodimong ka bosakhutleng.

90 Boikanyego jwa gago

ke jwa losika longwe le longwe;

o tlhomamisitse lefatshe,

mme le ntse le eme.

91 Le kajeno di sa ntse di eme

ka fa dithulaganyong tsa gago;

gonne dilo tsotlhe di a go direla.

92 Fa molao wa gago

e ka bo e ne e se boitumelo jwa me,

foo nka bo ke latlhegile

mo tlhorisegong ya me.

93 Ga nkitla ke lebala ditaolo tsa gago

ka gope;

gonne o mphedisitse ka tsona.

94 Ke wa gago, nthuse;

gonne ke batla ditaolo tsa gago.

95 Baikepi ba ntaletse go nnyeletsa.

Ditshupo tsa gago

ke a di tlhokomela.

96 Ke bonye bokhutlo jwa tsotlhe

tse di itekanetseng,

mme taelo ya gago

ga e na mafelelo.

97 Molao wa gago

ke o rata thata jang!

Ke o akanya letsatsi lotlhe.

98 Taelo ya gago e ntlhalefisa

go gaisa baba ba me;

gonne ke ya me ka bosakhutleng.

99 Ke tlhalefile

go gaisa baruti ba me botlhe;

gonne ditshupo tsa gago

ke tsona tse ke di akanyang.

100 Ke phala bagolo ka tlhaloganyo;

gonne ke tlhokometse

ditaolo tsa gago.

101 Ke thibile dinao tsa me mo tseleng

nngwe le nngwe e e bosula

gore ke tlhokomele Lefoko la gago.

102 Ga ke a ka ka fapoga

ditao tsa gago;

gonne o nthutile.

103 Ditsholofetso tsa gago

di monate jang

mo magalapeng a me;

di botshe go gaisa mafura

a dinotshe

mo molomong wa me!

104 Ke bona tlhaloganyo

ka ditaolo tsa gago;

ke ka ntlha ya moo ke tlhoileng

tsela nngwe le nngwe ya maaka.

105 Lefoko la gago ke lobone

lwa dinao tsa me,

le lesedi la tsela ya me.

106 Ke ikanne, ka ba ka dirafatsa

go tlhokomela dithulaganyo

tse di siameng tsa gago.

107 Ke obegile thata.

Morena, mphedise

ka fa Lefokong la gago.

108 Morena, a o ko o natefelwe ke tse

molomo wa me o di go ntshetsang

ka bopelotshweu,

mme o nthute

tse di ntshwanetseng.

109 Bophelo jwa me

bo mo dipharagobeng ka gale;

mme molao wa gago ona

ga ke a ka ka o lebala.

110 Baikepi ba nthaisitse ka serai;

mme ga ke a ka ka fapoga

ditaolo tsa gago.

111 Ditshupo tsa gago ke boswa

jwa me ka bosakhutleng;

gonne tsona ke boitumelo

jwa pelo ya me.

112 Pelo ya me e palelela

mo go diriseng melao ya gago

ka gale go ya bosakhutleng.

113 Ba ba pelo-pedi ke ba tlhoile,

mme molao wa gago ona

ke a o rata.

114 O tshireletso ya me le thebe ya me;

ke lebeletse Lefoko la gago.

115 Tlogang fa go nna,

basulafatsi ke lona,

gore ke tlhokomele

ditaelo tsa Modimo wa me.

116 Ntshegetsa ka fa tsholofetsong

ya gago gore ke phele;

se ntlhabise ditlhong

ka ntlha ya tsholofelo ya me.

117 Ntshegetsa gore ke phologe,

mme ke tla itumelela

melao ya gago ka gale.

118 Botlhe ba ba fapogang

melao ya gago o a ba latlha;

gonne tsietso ya bona

ke maaka fela.

119 Baikepi botlhe ba lefatshe

o ba kokola jaaka manyela;

ke ka moo ke ratang

ditshupo tsa gago.

120 Mmele wa me o roromisiwa

ke go go tshaba;

ke boifa dikatlholo tsa gago.

121 Ke dirile ka molao le tshiamo.

O se ka wa ntlogelela

bapatiki ba me.

122 Emela motlhanka wa gago

gore a phele sentle;

a ba ba matepe ba se nkgatelele.

123 Matlho a me

a eleditse pholoso ya gago

le tsholofetso e e siameng ya gago.

124 Direla motlhanka wa gago

ka fa bopelonoming jwa gago,

o nthute melao ya gago.

125 Ke motlhanka wa gago;

ntlhalefise gore ke lemoge

ditshupo tsa gago.

126 Ke nako yaMorena

ya go itshupa ka tiro;

ba robagantse molao wa gago.

127 Ke ka ntlha ya moo

ke ratang ditaelo tsa gago

go feta gouta

le gouta e e sa pekwang.

128 Ke ka ntlha ya moo ke kayang

ditaolo tsotlhe tsa gago tshiamo;

mme ke tlhoile tsela nngwe

le nngwe ya maaka.

129 Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa;

ke ka ntlha ya moo,

fa mowa wa me o di boloka.

130 Tlhaloso ya mafoko a gago

e a sedimosa,

e tlhalefisa ba ba se nang kitso.

131 Ke kopolola molomo, ke kgalegile;

gonne ke tlhologeletswe

ditaelo tsa gago.

132 Retologela kwa go nna,

o ntlhomogele pelo

jaaka go tshwanetse

ba ba ratang leina la gago.

133 Tiisa dikgato tsa me,

ke tle ke sepele ka fa Lefokong

la gago;

mme a ke se laolwe

ke boikepo bope.

134 Nkgolole mo patikong ya batho,

ke tle ke ele ditaolo tsa gago

tlhoko.

135 Phatsimisetsa motlhanka wa gago

sefatlhego sa gago,

o nthute melao ya gago.

136 Matlho a me a ela dinokana

tsa metsi,

ka ba sa dirise molao wa gago.

137 O tshiamo,Morena,

le dikatlholo tsa gago ke tsa nnete.

138 O laetse ditshupo tsa gago

ka tshiamo le ka boikanyego

jo bogolo.

139 Ke jelwe ke tlhoafalo ya me,

ka baganetsi ba me ba lebetse

mafoko a gago.

140 Lefoko la gago le itshekile thata;

mme motlhanka wa gago

o a le rata.

141 Ke monnye, ke bile ke a nyatsega;

mme ditaolo tsa gago

ga ke di lebale.

142 Tshiamo ya gago ke tshiamo

e e sa khutleng,

molao wa gago ke boammaaruri.

143 Tlalelo le pitlaganyo di nkwetse,

mme ditaelo tsa gago

di njesa monate.

144 Ditshupo tsa gago ke tsa tshiamo

ka bosakhutleng.

Ntlhalefise gore ke phele.

145 Ke rapetse ka pelo yotlhe ka re:

Nkutlwe,Morena;

ke tla tlhokomela melao ya gago.

146 Ke goetse go wena ka re:

Nthusa mme ke tla ela ditshupo

tsa gago tlhoko.

147 Ke rakile mahube a moso,

ka goela thuso;

ke lebeletse mafoko a gago.

148 Matlho a me a rakile nako ya ditiso

tsa bosigo

gore ke akanye polelo ya gago.

149 Utlwa lentswe la me

ka fa bopelonoming jwa gago;

Morena, mphedise

ka fa tshiamisong ya gago.

150 Ba ba ntlhomereng ka bolotsana

ba atametse,

bona ba ba kgakala

le molao wa gago.

151 Wena,Morena, o gaufi,

ditaelo tsa gago tsotlhe

ke tsa boammaaruri.

152 Ga ke bolo go itse

ka ditshupo tsa gago

gore o di tlhomamiseditse

go ya bosakhutleng.

153 Leba tlhorisego ya me, o nthuse;

gonne ga ke lebale molao wa gago.

154 Nkemele mo tshekong ya me,

o nkgolole,

o mphedise ka fa tsholofetsong

ya gago.

155 Pholoso e kgakala le baikepi;

gonne ga ba batle melao ya gago.

156 Morena, mautlwelo-botlhoko

a gago a magolo.

Mphedise ka fa ditshiamisong

tsa gago.

157 Ba ba ntlhomereng

le baganetsi ba me ba bantsi;

le fa go ntse jalo ga ke fapoge

ditshupo tsa gago.

158 E a re fa ke bona

ba ba sa ikanyegeng, ba ntene,

ka ba sa tlhokomele polelo ya gago.

159 Bona, ke rata ditaolo tsa gago;

Morena, o mphedise

ka fa bopelonoming jwa gago.

160 Kakaretso ya Lefoko la gago

ke boammaaruri;

dithulaganyo tsotlhe tse di siameng

tsa gago ke tse di sa khutleng.

161 Babusi ba ntlhomere ka bomo,

mme pelo ya me e boifa

mafoko a gago fela.

162 Ke itumelela polelo ya gago

jaaka mongwe yo o bonang

thopo e kgolo.

163 Maaka ke a tlhoile, ke a a sisimoga;

mme molao wa gago ke a o rata.

164 Ke go baka gasupa ka letsatsi

ka ntlha ya ditshiamiso

tse di siameng tsa gago.

165 Ba ba ratang molao wa gago

ba na le kagiso e kgolo;

ga ba na se se ba kgopisang.

166 Ke solofetse pholoso ya gago,

Morena,

ke dirile ka fa ditaelong tsa gago.

167 Mowa wa me o tlhokometse

ditshupo tsa gago,

mme ke di rata thata.

168 Ke tlhokometse ditaolo tsa gago

le ditshupo tsa gago;

gonne ditsela tsa me tsotlhe

di fa pele ga gago.

169 Morena, a selelo sa me

se atamele fa pele ga gago;

ntlhalefise ka fa Lefokong la gago.

170 A mekokotlelo ya me

e fitlhe fa pele ga gago;

mpholose ka fa polelong ya gago.

171 Molomo wa me o tla opela

ka ga Lefoko la gago;

gonne ditaelo tsa gago tsotlhe

di siame.

172 Loleme lwa me lo tla opela

ka ga Lefoko la gago;

gonne ditaelo tsa gago tsotlhe

di siame.

173 A letsogo la gago le nthuse;

gonne ke itlhaoletse

ditaolo tsa gago.

174 Morena, ke tlhologeletswe

pholoso ya gago;

molao wa gago o njesa monate.

175 A mowa wa me o phele

gore o go bake,

mme a ditshiamiso tsa gago

di nthuse.

176 Ke latlhegile jaaka

nku e e timetseng;

a o ko o batle motlhanka wa gago;

gonne ditaelo tsa gago

ga ke di lebale.