Maaka a laola batho; Modimo ke boammaaruri
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo.
2 Morena, thusa;
gonne ga go tlhole
go na le yo o boifang Modimo,
mme ba ba ikanyegang
ba fedile mo baneng ba batho.
3 Ba bua maaka mongwe le yo
mongwe,
ba bua ka melomo e e borethe
le bopelopedi.
4 AMorenaa nyeletse
melomo yotlhe e e borethe,
le loleme lo lo buang
dilo tsa boikgodiso;
5 bona ba ba reng:
“Re thata ka diteme tsa rona,
re na le melomo ya rona;
mmusi yo o re laolang ke mang?”
6 MmeMorenaa re:
“Jaanong ke tla tsogela pogiso
ya batlalelwi
le phegelo ya batlhoki,
ke thusa ene yo o lelelang thuso.”
7 Mafoko aMorena
ke mafoko a a phepa,
ke selefera e e itshekisitsweng
mo leubelong
e e tshologelang fa fatshe,
e itshekisitswe gasupa.
8 WenaMorena, o re boloke,
o re sireletse mo losikeng loo
ka bosakhutleng.
9 Fa tshenyego e godile
mo baneng ba batho,
baikepi ba ikgantsha
mo ntlheng tsotlhe.