A matlho a lelale kwa godimo
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
Ke tsholeletsa matlho
a me koo go wena,
yo o dutseng kwa legodimong.
2 Bona, matlho a rona
a lebileMorena,
Modimo wa rona,
go ya a be a re tlhomogele pelo,
jaaka matlho a batlhanka
a lebile diatla tsa beng ba bona
le jaaka matlho a lelata
a lebile seatla sa mohumagadi
wa lone.
3 Re tlhomogele pelo,Morena,
re tlhomogele pelo;
gonne re kgotshe nyatsego
go feta tekanyo.
4 Mewa ya rona
e kgotshe tshotlo segolo
ya ba ba sa kgathaleng sepe
le lonyatso lwa ba ba ikgantshang.