A go bakwe mogolodi wa Iseraele
1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita.
Fa e ka bo e ne e seMorena
yo o neng a re emela –
a Iseraele a re jalo –
2 fa e ka bo e ne e seMorena
yo o neng a re emela,
jale fa batho ba re tsogela,
3 foo ba ka bo ba re meditse
re sa phela,
jale fa ba re tukela bogale.
4 Foo noka e ka bo e re gogotse,
metsi a ka bo a re betile.
5 Foo metsi a a gogomogileng
a ka bo a re khurumeditse.
6 A go bakweMorena
yo o sa re tlogelelang
go garolwa ke meno a bona.
7 Mewa ya rona
e falotse jaaka nonyane
mo mutlwaneng wa mothaisi;
mogala o kgaogile,
mme rona re falotse.
8 Thuso ya rona
e mo leineng laMorena,
Modiri wa legodimo le lefatshe.