Peo ya dikeledi le thobo ya boitumelo
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
E rileMorenaa fetola
tatlhego ya Sione,
ra tshwana le ba ba lorang.
2 Foo melomo ya rona
e ne ya tlala setshego,
le diteme tsa rona tuduetso.
Foo go ne go buiwa mo ditšhabeng
go twe:
“Morenao ba diretse
dilo tse dikgolo.”
3 Morenao re diretse
dilo tse dikgolo, ra itumela.
4 Morena, fetola tatlhego ya rona
jaaka dinokana tsa kwa borwa.
5 Ba ba jwalang ka dikeledi,
ba tla roba ka tuduetso.
6 Ba a tle ba ye ba gase peo
ba ntse ba lela,
mme ba boe ka tuduetso
ba tshotse dingata tsa bona.