DIPESALOME 127

Ntle ga tshegofatso ya Morena tsotlhe di lefelafela

1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo.

FaMorenaa sa age ntlo,

baagi ba yona

ba tla bo ba itapisetsa lefela;

faMorenaa sa dise motse,

modisa o tla bo

a itlhobaeletsa lefela.

2 Ke lefela, fa lo tsoga phakela,

lo itima boikhutso,

lo ja dijo tsa matsapa;

gonneMorena

o tla naya baratwi ba gagwe

ba ntse ba robetse.

3 Bona, basimane

ke neo yaMorena;

leungo la sebopelo ke tuelo.

4 Basimane ba bošwa jwa motho

ba tshwana le metsu

mo seatleng sa mogale.

5 Go sego monna yo o e tladitseng

mokotlopo wa gagwe;

ga a nke a tlhajwa ke ditlhong,

fa a bua le baba ba gagwe

mo kgotleng.