Lesego la go boifa Modimo
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
Go sego mongwe le mongwe
yo o boifangMorena,
yo o tsamayang
mo ditseleng tsa gagwe.
2 Ruri,
o tla ja tsa tiro ya diatla tsa gago.
O letlhogonolo! O tshela sentle.
3 Mosadi wa gago o tshwana
le moweine o o ungwang,
a le mo teng ga ntlo ya gago.
Bana ba gago ba ntse jaaka
matlhogela a motlhware,
ba dikanyeditse bojelo jwa gago.
4 Bona, monna yo o boifang
Morena,
ruri o tla tshegofadiwa jalo.
5 AMorenaa go tshegofatse
a le mo Sione,
gore o bone letlhogonolo
la Jerusalema ka malatsi otlhe
a bophelo jwa gago,
6 o be o bone le bana ba bana
ba gago!
A kagiso e nne le Iseraele!